Breaking News

Menyetla ya kgwebo mo temo- thuong e mentsi

06 Jun 2017

Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse a re menyetla ya go simolodisa  dikgwebo e mentsi  thata mo mhameng wa temo-thuo mme di tlhokana le Batswana gore ba di tsibogele.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Sefhare le Machaneng, Rre Autlwetse o boletse fa dikgwebo di le dintsi mo mhameng wa temo-thuo e bile di ka thusa mo letlhokong la ditiro le le apesitseng lefatshe leno.

A re ntswa banana ba tsene dikole, bontsi bo gobea  mo mekgwatheng ntateng ya letlhoko la ditiro, ka jalo ba tshwanetse ba tsibogele  ntlha e.

Rre Autlwetse o ne a kopa Batswana go fetola ka fa ba tsayang temo-thuo ka teng ba edire kgwebo.

A re bontsi jwa balemi-barui ga ba tsee temo-thuo ka tlhoafalo mme ba lemela kana ba ruela go jela mo ganong le go intsha bodutu, ka jalo seemo seo se tshwanetse se fetoge gore lefatshe leno le itirele dijo.

O tsweletse a re go nnile le ditshekatsheko tsa gore banana ba ba sa boneng ditiro ba ka thusiwa jang mme ga lemogwa fa mo lephateng la gagwe, bogolo jang mo mhameng wa temo-thuo go na le go le gontsi mo go ka dirwang gore motho a itshetse.

Rre Autlwetse a re fa Batswana ba ka tlhoafalela temo-thuo lefatshe leno le ka kgona go ijesa le bo le jesa mafatshe a mangwe.

O boletse fa mo nakong eno lefatshe leno le tlhokana le mashi a selekanyo sa dilithara di le 65 million mo ngwageng mme mo nakong eno selekanyo sa dilithara di le 58.8 million se tswa kwa ntle ga lefatshe leno.

A re selo se se supa fa go na le monyetla wa  kgwebo ya dikgomo tsa mashi.  

A re puso e tsenya madi a mantsi ka fa mhameng wa temo-thuo e thusa Batswana mme ga go na dipoelo tse di bonalang, ka jalo seemo seo se tshwanetse se fetoge.

A re fa molemi a lemile ka ditselana, tema e le nngwe e tshwanetse e mmusetse dikgetsi di le masome a matlhano kgotsa go feta.

A re balemi ba tshwanetse ba tswe mo segologolong sa go bua dipuo tsa gore ‘molelo wa mariga ba tlaa dika ba o orile’ mme ba tlhoafalele temo e ba direle dkgwebo.

Rre Autlwetse o ne a kopa Batswana gore ba seka ba tsaya gore mhama wa temo-thuo  ke wa puso mme ba eme ka dinao ba dire dijo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jun 2017