Breaking News

Diletswa tsa setso di ka fa Batswana letseno

06 Jun 2017

Go ne go osha legong go sala molora, e le sephete ke go fete, ba ntsha ga tshwene badiragatsi mo dikgaisanyong tsa go ipaakanyetsa letsatsi la ga Tautona fa baletsi ba Setinkane le Segaba ba ne ba phadisanya go iponela phatlha ko ntlong lohalahala ya Peleng kwa Lobatse ka bofelo ja beke.

Go ne go tsile badiragatsi go tswa mo metseng e e mo borwa jwa Botswana ka makatlanamane.

Seletswa tsa Setinkane le Segaba gareng ga bone go le matlhogoputswa le banana ba ne ba sa ipone tsapa go ntsha mebala ya bone ka go letsa mmino oo wa Segaba le Setinkane.

Fa a bula dikgaisanyo tseo e bile a ba amogela ko Lobatse, Kgosi ya Peleng ko Lobatse Rre Segale Letshele o ne a bolela fa dikgaisanyo tsa ga Tautona di le mosola thata ka di dira gore ngwao ya Batswana e somarelwe e seka ya nyelela.

O boletse fa mmino o dira dikgwebo, go tlhama mebereko le go tlosa bodutu. O boletse fa o tlhabolola lefatshe le go farologanya merafe.

O kgothaditse banana go inaakanya thata le mmino wa Setswana le gore ba tsee malebela mo batsading ba bone ba santse ba tshedile gore mmino wa Setswana, bogolo jang Setinkane le Segaba di seka tsa nyelela.

Kgosi Letshele o ne a akgola banana ka kakaretso go bo ba iteka mo mehameng e mengwe ya metshameko jaaka mabelo, kgwele ya dinao le meopelo ya sesha.

O kgadile go tswakanya mmino ka dinotagi mo go dirwang ke banana, a bolela fa seo se baka dintwa, dipolaano le malwetse.

Kgosi Letshele a re mmino o na le letseno le le botoka ka gore o ka oka bajanala le bagwebi.

O rile ba ba gaisiwang ba seka ba kgobega marapo ba iteke fela go fitlhelela ba kgona. Fa a bolela ka maikaelelo a dikgaisano tseo, mogolwane go tswa mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Onneetse Malope o ne a bolela fa maikaelelo e le go supa ngwao ya Batswana gore e seka ya nyelela.

Mme Malope o boletse fa e le go tsholetsa boleng jwa bodiragatsi, go tsholetsa itsholelo ka bodiragatsi le go fetola itsholelo gore e kabakanngwe. A re le go supa le go ntsha ga tshwene dikitso tsa bone.

O boletse fa gape e le go abelana dikitso le boitseanape le go godisa bodiragatsi go tswa ko moding. Go tlhabolola itsholelo le go tlhamela banana mebereko.

Fa maduo a tswa, mo Setinkaneng Rre Mokgweetsi Kabomo wa Kanye a itlhoma kwa pele ka pina ya Baloi, a latelwa ke Godfrey Moeng ka pina e re Nkadima pena, ga bo gore Rre Moses Ramosesane mme wa bone ya nna Kagiso Mogorosi.

Rre Kabomo ngogola o ne a gapa maemo a ntlha kwa makgaola  kgannyeng kwa Gaborone.

Mo segabeng maemo a ntlha a ne a tsewa ke Ntsoane Ramontsho go tswa Sojwe, a bobedi Keberekeng Keotsetswe go tswa Kudumelapye, go latela Lebuke Tau mme wa bone ya nna Keitshephile Mmoniemang go tswa Moshupa.

Mo maduong a diletswa tse pedi tseo, wa ntlha le wa bobedi ba ya go gaisana kwa letsatsi la ga Tautona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : LOBATSE

Event : Ipaakanyetso letsatsi la ga Tautona

Date : 06 Jun 2017