Balemi-barui ba Bokaa ba amogana maele
06 Jun 2017
Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa Bokaa, Rre Samuel Machailo o rotloeditse balemi-barui go dirisana mmogo go godisa serodumo sa temo mo Botswana.
Rre Machailo o ne a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la balemi ba Bokaa a tlhalosa fa thobo e farologana go ya ka dipaka tsa yone.
O tlhalositse fa go farologana ga dipaka go dira gore thobo le yone e seka ya tshwana, a tlatsa ka go re fa balemi-barui ba ka nna le tirisano mmogo go ka sologela balemi botlhe molemo ka ba ka amogana se ba nang le sone go rotloetsana go tswelela ka temo.
Rre Machailo o tlhalositse fa e se la ntlha ba tshwara moletlo wa sebopego se mme ba amogana dithuto tse di farologaneng ngwaga le ngwaga go lebogela Modimo thobo e ba e boneng.
O tlhalositse fa dikgwetlho tsa temo di sa batle go lebagana le motho a le mongwe, ka jalo moletlo o o thusa balemi go ithuta le go amogana boitseanape ka dikgwetlho tse di amang balemi.
O boletse fa go na le dikomiti tse di farologaneng go fokoletsa maphata a puso tiro jaaka mokgatlho wa barui ba ba rekang melemo go fokoletsa bakenti tiro.
Sebui sa tlotla, Rre Monty Chiepe o kgothaditse balemi go tlhoafalela tiro ka e le yone e ka ba tsisetsang khumo, a tlatsa ka go re bontsi jwa batho ba simolola temo-thuo fa ba tlogela tiro ka bogodi.
O tlhalositse fa temo-thuo e tlhokana le batho ba ba itekanetseng mo mmeleng gore ba tle ba kgone go dira ditiro tsa letsatsi tsa kwa merakeng le kwa masimo. Rre Chiepe o kopile batsadi go kgothatsa bana go simolola temo-thuo ba sale banana e seng go ba tlogelela leruo ba re ke boswa ka se se dira gore ba rekise leruo ba dirise madi botlhaswa.
O kopile balemi gore ba amogane dikitso go tswelela ka se se ka ba thusa go godisa temo-thuo le go itirela letseno ka ba ka ikokoanya go dira dikgwebo ka boitsenape jo mongwe le mongwe a tlang ka jone.
O tlhalositse fa a na le mananeo a leruo kwa polaseng ya gagwe mme a ikaeletse go thusa Batswana ba ba nang le kgatlhego go dira thuo kgwebo.
Rre Lucky Masike wa lephata la tsadiso ya leruo o tlhalositse fa barui ba sa supe kgatlhego mo go itseng ka leruo mme ba tshepha badisa go ba tlhokomelela meraka.
O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore leruo le itse mong wa lone le ene a le itse go itsa bogodu.
O tlhalositse fa barui ba sa itse ka tlhokomelo ya leruo ka dipaka tsa ngwaga mme a ba gakolola go tsenelela dithuto kwa diofising tsa leruo, a tlatsa ka gore barui ba fa leruo moroko mariga mme go sa siama.
Rre Masike o kopile balemi go ithuta ka dijo tsa kgomo gore e tle e kgone go ba busetsa.
O tlhalositse fa kgomo e tshwanetse go ja botala ka bo na le dikotla tse dintsi. ENDS
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : BOKAA
Event : Moletlo wa go ipelela letsatsi la balemi
Date : 06 Jun 2017






