Ba koporase ya metsi ba abela motlhoki ntlo
06 Jun 2017
Mogolwane wa tsa maranyane mo koprasing ya Water Utilities kwa Gaborone, Rre Nchidzi Malulela a re ke boitumelo jo bogolo go bona Batswana le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi gammogo le bagwebi ba tsweletse ka go diragatsa kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka matlo a boroko.
Rre Malulela o supile boitumelo jo bosheng fa a ne a abela Rre Kenamile Gabatwaelwe wa kgotla ya Moloko mo Mahalapye ntlo e e agilweng ke badiri ba Water Utilities mo Mahalapye ka P96 406.
A re kgato e e tserweng ke badiri ba koparase go agela Rre Gabatwaelwe ntlo ke tsela nngwe ya go diragatsa boikuelo jwa ga Tautona jwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le go diragatsa tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a Batswana ba bangwe.
Rre Malulela o boleletse batho ba ba neng ba thologetse tiro eo gore fa e sale ka 2012 go tsena gompieno Water Utilities e setse e agetse batlhoki matlo a boroko ale marataro kwa Letlhakane, Palapye, Mochudi, Kanye le Jacklas 1.
A re dingwe tse koporase ya gagwe e di dirileng e sena go neelwa boikarabelo jwa go siela Batswana metsi ke kago ya meriti e mebedi kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba kwa Kalakamati le go abela bana ba sekole se sebotlana sa Rasetimela kwa Bobonong paka ya sekole.
Mogolwane wa Water Utilities mo Mahalapye, Rre Moitseemang Monthe o tlhalositse fa mogopolo wa go agela Rre Gabatwaelwe ntlo o simologile ka 2013 morago ga kgakololo e e duleng ka Mme Keaoboka Tshwene yo e leng modiri mo koporasing eo.
Rre Monthe a re pele ga ba agela Rre yoo ntlo ya boroko, o ne a tshela ka go robala ka fa tlase ga moremotlala ka jaana matlo a a neng a a tlogeletswe ke batsadi a ne a setse a digilwe ke dipula.
O akgoletse morafe wa Mahalapye le bagwebi ka go farologana go ba thusa ka madi le didirisiwa tsa kago gore ba kgone go wetsa maikaelelo a go agela Rre Gabatwaelwe ntlo ya dikamore tse nne le go tsenya pompo ya metsi gammogo le go agelela segotlo.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye, Rre Mompati Ntapu a tswa mafoko a malebo mo boemong jwa mopalamente wa kgaolo, Mme Botlogile Tshireletso, a akgolela badiri ba Water Utilities go nna le mowa wa bopelotlhomogi ka go nna le seabe mo go thuseng mmuso go agela ba ba dikobo dikhutshwane matlo a boroko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo ntlo
Date : 06 Jun 2017






