Breaking News

A masimo a rengwe - Autlwetse

06 Jun 2017

Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse o kopile balemi ba ditshimo tse di ageletsweng ka lenaneo la cluster fencing go rema dikgwa mo masimong a bone gore ba leme.

O buile jaana fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Sefhare le Machaneng bosheng.

A re bontsi jwa masimo a a ageletsweng ka lenaneo la cluster fencing ga a lengwe mo go kgotsofatsang, go lema palonyana e e tsenang mo letsogong fela mme bokete jwa masimo e bo e nna sekgwa.

A re tshwanelo ke gore fa go sena go agelelwa ka lenaneo la kagelelo ya masimo go lengwe ka dipaka  tsotlhe  go tswa ngwaga go ya ngwageng.

A re fa balemi bao ba tlhoafetse fa madi a ka bonwa gongwe ba ne ba ka fiwa dithuso di tshwana le tsa go tsenya motlakase kwa dikgwebong tsa bone tsa temo.

O ne a supa matshwanyego ka masimo a a ageletsweng ka lenaneo la kagelelo ya masimo gore masimo a mangwe a fetogile mahudiso ka go tsenngwa leruo moo mme le felela le tsisa mhero mo masimong ao.

A re tshimo e tshwanetse e nne tshimo e seng mahudiso.

O ne a fa sekai ka ba ba filweng lenaneo la kagelelo ya masimo kwa Sefhare, a bolela fa go sa itumedise go bona go ageletswe masimo a selekanyo sa ditema tse 440.4 ka P2 million mme ditema di le 132 fela di lemilwe.

A re selekanyo se se lemilweng mo masimong ao ga se sephatlo sa masimo a a ageletsweng mme se supa fa go ne go sa tlhoafalwa.

A re bokete jwa masimo ao ke sekgwa mme balemi bao ga ba ntshe dijo.

Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o ne a kopa ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise go adima ba ba senang masimo mme ba batla go lema.

A re fa motho a na le tshimo mme a sa e dirise o ka kgona go ikwadisa le kwa go ba ba lebaganeng le peo ya ditsha gore ditshimo tseo di kgone go dirisiwa ke ba bangwe.

A re bagolo ba ba setseng ba sa kgone go lema le bone fela jalo ba kgona go adima bana masimo go lema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jun 2017