Modulasetilo a leboga makhanselara
30 May 2017
Modulasetilo yo mosha wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o lebogile makhanselara a kgaolo eo gobo ba mo file sebaka sa gore a ba etelele pele.
Rre Galeragwe o lebogile jalo fa a simolodisa phuthego ya khansele-potlana ya Boteti ka Mosupologo, a tlhalosa gore o ka kgona thomo e a e filweng fela fa makhanselara le badirelapuso ba bereka ka natla le tshwaragano.
O ne a ba solofetsa gore o tlaa bereka sentle le bone gore kwa bofelong ba tokafatse matshelo a setshaba.
Modulasetilo o ne a ba lekodisa ka tse di diragetseng le dikatlego tsa kgaolo, a tlhalosa gore kopo e ba saleng ba e emetse ya gore maipaafela a Makgaba a sekasekelwe go nna motse e arabilwe.
O ne a tlhalosa gore jaanong Makgaba o tlhomamisitswe go nna motse a wela mo metseng e e kgakala le ditlamelo.
A re matlo a batlhoki a a neng a filwe Makgaba a bo a sa agwe ka gore o ne a ise a tlhomamisiwe jaanong a ka agwa, a kopa babereki ba ba lebaneng gore a agwe ka bonako.
Rre Galeragwe o ne gape a re e rile fa ngwaga ono o simologa kgaolo ya Boteti ya nna le dinare tse di kailang kwa 4A le 4B mme ba lephata la matlhoko a leruo le ba-na-le seabe ba ne ba kgona go laola seemo.
O ne gape a rotloetsa barui go ya go tsaya melemo ya kwatsi le Quarter Evil kwa lephateng la matlhoko a leruo go ya go ikentela ba dirisa bakenti ba ba ikemetseng.
A re letsholo la go kentela molafo le rulaganyeditswe go simolala pele ga kgwedi ya Motsheganong e wela, a tlhalosa gore o ka bonwa kwa diofising tsa matlhoko a leruo gape thulaganyo eo e tlaa phataladiwa.
Modulasetilo o ne gape a ba tlhalosetsa gore kgaolo e filwe P260 000 go tsamaisa mananeo a nyeletso lehuma.
O boletse fa batho ba ba neng ba sekasekilwe dingwaga tse di fetileng le bone ba tlaa boa ba sekasekwa sesha gore go seka ga boelediwa le go netefatsa gore ba wela mo lenaneong la nyeletso lehuma.
Rre Galeragwe o boletse fa kgaolo ya Boteti e amogetse dithuso tsa madi a a kana ka P338 984 go tswa kwa khamphaning ya Debswana a a tlaa dirisiwang go aga matlwana a boitiketso kwa dikoleng tse dipotlana tsa Xhumo le Kedia gammogo le go reka ditilo le ditafole tsa sekole se sebotlana sa Mokobaxane.
Kwa bofelong, modulasetilo o ne a kopa makhanselara go bereka ba le seopo sengwe le fa go na le dikgwetlho tse ba di itemogelang mo tirong.
A re ba tshwanetse ba bereka thata go tlhabolola kgaolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 30 May 2017






