Breaking News

Go godisetsa ngwana mo nyalong go botlhokwa

30 May 2017

Kgosi Othusitse Sengawane wa Tshwaane o tlhalositse fa go godisetsa ngwana mo lenyalong go le botlhokwa ka jaana ngwana wa go nna jalo a nna motlhofo go laolesega ka a bontshiwa tsela ke botsadi boo babedi.

Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Sengawane o tlhalositse fa a na le lesokolela ka bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a re mokgwa o o tumile thata mo motseng wa gagwe.

A re se gantsi se tsala kgokgontsho le dipolaano ka jaana fa ba nna le mathata go nna thata go ba letlanya semmuso kgotsa go letlanngwa ke batsadi.

Kgosi a re se se swabisang le go feta ke gore go na le batsadi ba ba rotloetsang go nna mmogo moo ka ba a bo ba gabile go ja.

O tlhalositse fa banyalani ba gompieno ba tshabelelwa ke go kgaogana mme a kopa gore fa ba kopana le dikgwetlho ba ikopanye le batsadi kana bagakolodi go ba thusa.

Kgosana Rre Motaung Modise ene o ne a supa fa a tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa banyalani ba ba kgaoganang mme a gakolola gore fa ba nna le mathata, ba a buele mo tlung gore a seka a gasagasama le motse.

A re fa banyalani ba ka dira se, dikgang tsa tlhalo di ka fokotsega mme go nne le malwapa a motia jaaka bogologolo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2017