Dikgang tsa bogosi di tshwenya lephata
30 May 2017
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke dikgang tsa go lwela bogosi ga Batswana mo dikgaolong dingwe.
Mme Tshireletso o buile se kwa moletlong wa go tlhomamisa Mme Borumolano Tshipana go nna kgosi wa Mookane ka Matlhatso, a re fa e sa le puso e simolola thulaganyo ya go duela dikgosi, batho ba setse ba kubetsana ka dijabana go lwela bogosi le ntswa bangwe ba sa amane ka gope le bogosi.
Mothusa tona a re kgaolo ya ga Mmangwato e apesitswe ke dikgang tsa bogosi, mme a lebogela morafe wa Mookane le baeteledipele ba motse go bo ba tsere kgang ya bogosi ka matsetseleko ka go sena dikgogakgogano jaaka mo metseng e mengwe.
O kgothaditse Kgosi Tshipana go dira tiro ya gagwe ka matsetseleko le go ikgapha mo dipolotiking ka jaana seo se ka mo kgaoganya le morafe le go mo diga seriti.
Mme Tshireletso yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, a re le fa Mme Tshipana a beilwe mo setilong sa bogosi e santse e le monana, o tshwanetse go ikgapha mo ditirong tse di ka mo ntshang mo tseleng jaaka go itisa masigo.
A re e re ka dikgosi di dira tiro e kgolo ya go agisanya batho le go bopaganya setshaba, ke sone se lephata la gagwe le itlamileng go tokafatsa seemo sa makgotla a Setswana ka go ba rekela dikoloi, go oketsa bodiredi le didirisiwa tsa boranyane mo diofising .
Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane o kopile Kgosi Tshipana go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano le go ikgapha mo go amogeleng pipa-molomo gammogo le go reetsa ditsheko ka tshokamo.
Kgosi Kgamane a re e le ba bogosi kwa Serowe ba itumedisitswe ke ka fa morero wa bogosi jwa Mookane o tsamaisitsweng ka teng ka o ne o tshwaraganetswe ke ba lelwapa la bogosi le bagolwane ba motse.
Kgosi Tshipana o ne a tlhomamisetsa ba-tsena moletlo gore o tlaa tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano e bile a bolela fa a amogela thomo ya go nna kgosi wa Mookane go kaba phatlha ya ga rraagwe yo o neng a tlhokafala ka 2015.
Mo moletlong oo, o o neng o tsenwe ke tona wa pele wa lephata la thuto, Rre Ray Molomo le mohumagadi wa gagwe, moatlhodi wa makgotla a Setswana, Kgosi Mothibe Lentswe le Kgosi Basadi Seipone wa Kang ba lelwapa la ga mmaagwe Kgosi Tshipana ba ne ba abela kgosi setsidifatsi, motshine o o romelang melaetsa le o o oketsang dipampiri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MOOKANE
Event : Moletlo
Date : 30 May 2017






