Breaking News

Mokgatlho wa banana o supa bobelotlhomogi

30 May 2017

Banana ba Kgagodi mo kgaolong ya Legare ba supile bobelotlhomogi bosheng fa ba abela bagodi le ba-na-le bogole ba motse oo dijo le melora.

Mo potsolosong le BOPA, Rre Thabo Samuel, modulasetilo wa mokgatlho oo wa leina la Senkga le Kgomo o o  dirilweng ka maloko a le lesome le bosupa, a re ba kwadisitse mokgatlho wa bone bosheng e bile maikaelelo a bone ke go thusa ba dikeletso tse di farologaneng mo botshelong.

Rre Samuel a re maikaelelo a bone gape ke go isa motse wa bone kwa pele mo tlhabololong ya matshelo a batho le botsogo jwa bone gammogo le go thusa ba ba sa kgoneng go bereka Ipelegeng.

A re ba kgonne go abela ba ba tlhophilweng ka dithuso tsa madi le dijo go tswa mo dikhamphaning, dikgwebo le dikereke tsa motse.

Modulasetilo a re ba kgonne go bona dithuso tsa madi gammogo le dijo tsa selekanyo sa P10 000.

A re ba thusitswe ke khamphani ya kago ya Prince Investments ka P750 le dijo le melora fa godimo, Sinetech ka P1 000, Flow Investments ka madi le dijo, Crawford Bar and Restaurant  e ntshitse madi le yone fa dimausu di thusitse ka dijo.

“Re kgonne go abela batho ba ka tshwara lesome mme re tlaa tswelela re aba,” Rre Samuel a tlhalosa.

Kgosi Moriti Kgagodi le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mogomotsi Mareko ba akgoletse mokgatlho wa bone tiro e ntle e ba e dirileng e e supang tlotlo le maitseo mo setshabeng.

Gape ba rotloeditse banni ba motse oo go tsaya malebela mo go se se dirilweng go tlhabolola motse le matshelo a batho.

Maikaelo a rona a matona monongwaga ke go kokoanya madi gore re kgone go aga ntlo e e tlaa abelwang mongwe mo motseng yo o se nang bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : KGAGODI

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2017