Ramapodisi o rolela dikgosi mogopolo
30 May 2017
E rile bosheng Ramapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbengwa a tshwara bokopano le dikgosi tsa Molepolole go di rolela maikaelelo a sepodisi a go nna le thuto-puisanyo kgwedi e e tlang e ya fifing.
A re maikaelelo a thuto-puisanyo eo ke go leka go ritibatsa seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng o ka e bile e le motse o motona.
Ka jalo a re borukutlhi bo gola thata mo metseng e tshwana le oo ka o le mogolo.
O tlhalositse gore ka thuto-puisanyo e, sepodisi se tlaa amogana dithuto le setshaba mo dikgannyeng di tshwana le go somarela bosupi fa go nnile le borukutlhi kana e le ba ba utlwisitsweng botlhoko ka tsela nngwe.
A re ba dule ka mogopolo wa go thwara thuto-puisanyo morago ga go nna fa fatshe ba akanya gore ba ka ritibatsa jang borukutlhi jo bo golang mo motseng mme ba ne ba lemoga gore setshaba se tlhoka thuto.
Superintendent Mbengwa o bile a kopa dikgosi go ya kwa morafeng go ba bolelela ka maikaelelo a go tshwara thuto-puisanyo e.
O tsweletse a tlhalosa gore ba ba amegileng ba kgona go senya bosupi a afa sekai ka dikgang tsa thubetso gore ba ba thubeditsweng ba kgona go tlhapa ba bo ba tshuba le diaparo tse ba neng ba di apere ka nako ya tiragalo, selo se a reng se ngotla bosupi.
A re e le ba sepodisi ba itemogetse gore bomme ba kgona go ipaya mo diphatseng tsa go thubediwa ka go tsamaya bosigo kwa dibareng kana ba buledisiwa ke batho ba ba sa ba itseng go tswa kwa dibareng.
A re ka thuto-puisanyo e, setshaba se tlaa nna le sebaka sa go tlhaloganya gore ba tsee dikgato dife mo dikgannyeng tsa borukutlhi, go iphapha mo borukutlhing, le gore morago ga go bega dikgang di tsamaya jang go fitlhelela di felela kana go tla kwa dikatlholong.
O file dikai tsa dikgang tsa borukutlhi tsa malatsi otlhe jaaka tsa kgokgontsho, go ikgatholosa bana ba bannye ke batsadi, bogolo jang ba banana.
Ramapodisi o tlhalositse gore dikgang tse di ba tshwenyang bobe ke tsa ditagi tse a reng le kwa dikoleng tse dikgolwane di a rekisiwa ke baithuti.
O tlhalositse gore seemo se se kekelang se sa borukutlhi se tlhoka gore go nne le tshwaragano le tirisano mmogo ya ba-na-le seabe botlhe.
Fa a akgela, Kgosi Mothusi Mathwanye wa kgotla ya Suping o amogetse mogopolo o, mme a gakolola ba sepodisi go ne ba tsiboga ka nako fa ba begelwa dikgang tsa borukutlhi.
A re go kgoba marapo fa ba begela mapodisi dikgang tsa borukutlhi mme ba bo ba diega.
Mo go la gagwe, Kgosi Basiamang Garebakwena le ene o ne a nesetsa mafoko a ga ramapodisi pula a re a mantle ka seo se tlaa bopa motse le go fokotsa borukutlhi.
O tsweletse a kopa ba sepodisi go abela sekole se segolwane sa Kgari Sechele baithaopi ba twantsho borukutlhi go ne ba ela seemo sa borukutlhi tlhoko kwa sekoleng seo.
A re seo e ne e ntse e le thulaganyo e e neng e dirilwe morago ga go rola lenaneo la go tshwaraganela thuto le ba-na-le seabe mme seo se ne sa emisiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : Thuto Puisano
Date : 30 May 2017






