Breaking News

Kgosi o fatlhwa ke boitshwaro

30 May 2017

Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole a re ga a itumelele boitshwaro jwa banni ba kgotla ya gagwe.

Kgosi Bakwena o buile se mo potsolotsong bosheng.

A re go na le batho bangwe, segolo jang bomme ba e reng mo dipuisanyong tsa bone ba dirise ditlhapa.

A re batho bao ke ba ba akaretsang ba ba dingwaga tse di masome a mararo go ya kwa godimo.

Selo se a reng se utlwisa botlhoko le go feta ke gore ba babotlana mo go bone ba tsile go tsaya mokgwa o.

Mo kgannyeng e nngwe, kgosi o supile fa go na le bana ba a reng ga twe ba padile kwa malwapeng.

A re mo tsamaisong ya Setswana, ngwana yo o tswang mo tseleng o bilediwa batsadi ba akaretsa bomalomaagwe le borangwaneagwe mme fa e le gore ke nnete o padile, a isiwe kwa bogosing.

“Ga ke dumalane le gore e re o godisa ngwana, a robala mo ga gago, a a ja dijo tsa gago o bo o mo rekela melora le diaparo a bo o re o a go palela,” kgosi a gatelela.

Kgosi o boletse fa ngwana yo o sa utlweng molao a itshenya leina gape a goga leina la ga bone mo seretseng.

O boletse fa botlhokatsebe bo tsweletse ka go golela pele mo kgotleng ya gagwe mme a supa fa e le ba bogosi ba sa tle go ipona tsapa go itepatepanya le dikgang tse.

A re go na le bana ba ba kgokgontshang batsadi ka methale e e farologaneng e akaretsa go ba buisa makgwakgwa, go ba koba mo malwapeng le gone go ba betsa tota.

A re go na le diemo di le mmalwa tse mo go tsone bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba fitlhetsweng mo borukutlhing bo akaretsa go dirisa ditagi, go lwa le gone go fitlhelwa ka dilo tse di borai.

O kopile batsadi ba ba tsayang karolo mo kgodisong ya bana ba akaretsa bomalome, borangwane, bommangwane le borakgadi go tiisa lentswe fa ba kgalemela bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2017