Motlhatlhelela dithuto o rotloetsa baithuti
29 May 2017
Motlhatlhelela dithuto kwa Francistown College of Technical and Vocational Education, Rre Peace Motshegare o tsweletse ka go tlhabolola thuto ka ditsela tsotlhe tse di kgonagalang.
O tlhophile sekole se sebotlana sa Magoriapitse e le maiteko a go kgothatsa baithuti le go tlhabolola thuto.
Rre Motshegare o ititeile sehuba go atswa baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole seo ngwaga le ngwaga ba ba fenyang ditlhatlhobo ka letshwao lantlha mo dithutong tsotlhe ka P1 000 mongwe le mongwe wa bone.
O ne a tlhalosa fa e tlaa nna makgolo a matlhano a dipula fa ngwana a tsere letshwao la maemo a ntlha (A) mme e se mo dithutong tsotlhe.
Rre Motshegare o tlhalositse fa a tlaa dira jalo lebaka la dingwaga tse tlhano e le tsela ya go ba rotloetsa mo dithutong tsa bone gore ba ipetlele tsela ya bokamoso jo bontle.
Rre Motshegare o rurifaditse maikano a go dira jalo Motsheganong a le 24 ka go abela baithuti ba le barataro P6 000, e le la ntlha, mo moletlong wa go aba dimpho tseo tsa go dira ka natla.
A re o na le toro ya go bona motse wa gagabo o nna le dialogane tse di tswang mmadikole, tse e tlaa reng isago di bo di tshwere maemo a a itumedisang mo setshabeng, a gatelela ka go re bana ba sekole seo ba tlho afale mo dithutong ka jaana thuto e le boswa jo bo sa utswegeng.
A re keletso ya gagwe ke gore e re ba wetsa dithuto tsa bone a bone mo go bone go na le ngaka, morutabana le tse dingwe.
A re e bile keletso ya gagwe ke gore a tswelele a tlhabolola tiro eo gore e seka ya ema fela ka dingwaga tse tlhano, le gore le one madi isago a ntshe sekete fela le mo ngwaneng wa matshwao a a tlhakatlhakaneng.
Rre Motshegare o boleletse bana bao gore ba ka kgona go nna bafenyi fela fa ba na le maikaelelo le maikemisetso mo dithutong, ba le boineelo, ba agegile mowa ka go sala morago dikgakololo tsa barutabana e bile ba na le kutlo kwa lapeng le mo sekoleng.
A re mme batsadi ba itse fa thuto e le kgetsi ya tsie, ka jalo go tlhokega gore go nne le tirisano mmogo magareng ga batsadi le barutabana.
O ne a supa fa a itumetse go bona bana ba ba fentseng ka letshwao la ntlha ba le barataro mo sekoleng seo, mme a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba oketsegile monongwaga.
O boletse fa a ne a gwetlhega go rotloetsa bana bao morago ga go bona e le ene fela a fentseng dithuto tsa gagwe tsa lekwalo la bosupa ka letshwao la ntlha mo sekoleng seo ka ngwaga wa 1998.
Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Mme Gagontapise Modibedi o boletse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo mabedi le masome a mane.
A re sekole seo se dira sentle le fa go ise go tle mo seemong se se kgotsofatsang, a tlatsa ka go re ba kgona ka ntlha ya tshwaragano ya batsadi le barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego
Date : 29 May 2017






