Breaking News

Bolwetsi jwa mabele bo a tshwenya

29 May 2017

Dipalo tse di golelang pele tsa dikgomo tse di fitlhelwang ka bolwetse jwa mabele kwa matlhabelong a BMC ga di jese diwelang ka di diga itsholelo ya lefatshe leno.

Se se builwe ke mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse fa a buisa diphuthego kwa Maunatlala, Majwaneng le Ratholo bosheng.

Rre Autlwetse a re bolwetse jwa mabele ke poelo morago mo baruing ka le fa ba rekisa dikgomo kwa BMC go babalela matlhabelo le bone barui.   

A re mo nakong eno mo dikgomong di le lekgolo tse di tlhajwang kwa BMC di le lesome di fitlhelwa ka bolwetse jo.

A re se se supa fa go tshwanetse ga tlhoafalelwa go bona gore ke ditsela dife tse di ka tsewang go thibela bolwetse jo ka bo setse bo dule mo taolong.

A re mo mafelong a mangwe dipalo tsa motse di golela gone kwa mafudisong a dikgomo mme fa dipalo di gola jalo go a bo go sena  matlwana a boitiketso, ka jalo o ne a rotloetsa barui go aga matlwana a boitiketso kana go epa mosima ba katela fa ba sena go itlhoma.

Rre Autlwetse o ne a tsibosa banni gore fa go sa tsewe ditsela tse di maleba ga go kgakala gore mmaraka wa nama ya kgomo o o kwa mafatsheng a sele o tswalwe fa bolwetse jo bo ka tswelela bo anama.

A re go na le kgonagalo ya gore fa bolwetse jo bo tsweletse ka go ntsifala go diragale diphoso mme nama nngwe e fete e na le bolwetse jwa mabele mme e bo e senya mmaraka o o kwa mafatsheng a sele.

A re lephata la gagwe le mo dipuisanyong gore a go ka seke go simolodisiwe dipilisi tse di tlaa thusang mo go laoleng bolwetse jwa mabele ka di le teng.

O ne a rotloetsa setshaba gore e re fa dipilisi tseo di ka simolodisiwa ba di amogele mme ba dirisanye le ba botsogo ka di ka thusa go fokotsa bolwetse jo.

Mo go tse dingwe, banni bangwe ba ne ba kopa puso go sekaseka gore a ditema tse dingwe mo go  tse puso e di duelelang balemi di lemiwe ka go gasiwa ka ga ba bone maduo a temo ya ditselana.

Ba ne ba bolela fa mo dinakong tse dingwe ba diega go lema ntateng ya tlhaelo ya diterekere, ka jalo go ka nna botoka fa ba ne ba ka gasa ditema tse dingwe.

Fa a tsibogela kopo eo, Rre Autlwetse o ne a bolela fa kgang ya go gasa e ka seka ya tlhola e reediwa ka puso e ntsha madi a mantsi e thusa Batswana mo go lemeng ka ISPAAD.

A re Batswana ba tshwanetse go ititaya ka thupana ba tlhoafalele temo ka e ka ba tshetsa mme maduo a ka tswa fela fa go lengwa ka ditselana le go tlhokomela temo ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : RATHOLO

Event : Phuthego

Date : 29 May 2017