A tikologo e babalelwe
29 May 2017
Go gasagasa le go tshuba matlakala go kailwe e le tsela e e diphatsa mo matshelong a batho, diphologolo le diruiwa gammogo le loapi.
E rile a bua le BOPA, mogolwane wa botsogo jwa tikologo, Mme Dorcus Mpedi a tlhalosa fa setshaba se tshwanetse go sala morago methale e e babalesegileng ya go latlha matlakala ka dinako tsotlhe.
Mme Mpedi o kaile fa ba itemogetse fa batho ba sa sale morago tsamaiso e e letlelesegang e bile e babalesegile ya go latlha matlakala, selo se a kaileng fa se tshwenya.
A re ba tshwenngwa thata ke go bo batho bangwe ba latlhela matlakala fa thoko ga ditsela fa bangwe ba a latlhela kwa ntle ga motse go tshwana le mo dikgweng kgotsa mo mahuting a a sa katelwang.
O kaile fa go dira jalo e le molato o batho ba ka atlholelwang kgolegelo, madi kana madi le kgolegelo nako e le nngwe.
“Setshaba se tshwanetse go itse fa re na le melao e ba tshwanetseg go e sala morago fa ba amana le go latlha matlakala.
Molao o tshwana le tsetlana ya bo34 ya Waste Management Act of 1998 e e reng go gasagasa matlakala ke molato o motho a ka atlholelwang P300 kana kgolegelo ya dikgwedi tse pedi.
E mengwe melao ke e e atlholang melato e metona ya go latlhwa ga matlakala a a kotsi mo matshelong a batho, diruiwa, le dimela o ka one motho a ka atlholelwang kgolegelo ya dingwaga tse di lesome kana P14 000 kana madi le kgolegelo,” Mme Mpedi a tlhalosa.
A re mo mabakeng a mangwe ba tshwenngwa gape ke go tshujwa ga matlakala mo a rileng go tlwaelesegile thata.
A re batho bangwe ba a tshuba makuku a naka tsa kgomo, fa bangwe ba a tshuba bosigo ka dinako tse ba itseng fa badiri ba lephata ba se mo tirong.
Mme Mpedi a re batho bangwe ba na gape le go latlhela matlakala a dikago mo dikgweng, a tlhalosa fa le one lephata le na le thulaganyo ya go a latlha ka fa go babalesegileng ka teng.
A re ba atlhola batho ba go nna jalo P1 000 yo o tlaa oketsegang letsatsi le letsatsi ka P500 fa ba ba bonweng molato ba fudusa matlakala go a latlhela kwa go babalesegileng teng.
Le fa go ntse jalo, o kaile fa e le lephata ba dira ka natla go tsibosa setshaba ka methale e e faphegileng e bile e babalesegile ka go buisa diphuthego tsa kgotla, a tlatsa ka go re go na le dikomiti tsa metse di tshwana le tsa ditlhabololo tsa motse le Green Scorpion tse ka tsone ba lekang go tlhomamisa fa tikologo e babalelwa ka go e phepafatsa.
Mme Mpedi o rotloeditse setshaba go bereka sentle le Green Scorpion a re ke bone matlho a bone mo motseng e bile ba ba thusa ka ditlhotlhomiso tsa badiramolato le go ba thusa ka megopolo ya go tla ka methale e e botoka ya go phepafatsa tikologo.
A re mo Kgatleng ba leka gape ka go tshwara kgaisano ya motse o o phepa ngwaga le ngwaga go rotloetsa morafe go phepafatsa tikologo.
O tlhalositse fa ka 2009 ba ne ba simolodisa letsholo le ka lone ba neng ba rotloetsa setshaba go nna le ditanka tsa matlakala tse khansele e di tlhokomelang ka go tsaya matlakala beke le beke go netefatsa fa matlakala a latlhwa sentle, a tlatsa ka go re ba santse ba rotloetsa setshaba go ikgolaganya le bone go reka ditanka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 29 May 2017






