Tshwaane Bakery e leboga puso
29 May 2017
Setlhopha sa bomme ba le bane ba ba ikopantseng go dira madirelo a borotho a Tshwaane Bakery ba leboga puso go nna le seabe se segolo mo kgolong ya kgwebo ya bone ka go ba rekela didirisiwa tsa borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Setlhopha se, se tlhalosa gore pele ga se fiwa lenaneo la nyeletso lehuma go ne go se motlhofo go ka tsamaisa kgwebo, mme e rile puso e sena go lemoga maiteko a sone ya ba rotloetsa ka nyeletso lehuma gore ba tsweledise kgwebo e e tsweletseng sentle mo nakong ya gompieno.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moeteledipele wa setlhopha sa Tshwaane Bakery, Mme Kebitsang Balotlheng, a re ba filwe lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mme ba ne ba isiwa dithutong tsa go apaya borotho gammogo le tsa go tlhokomela kgwebo.
Maloko a mangwe a setlhopha se ke bomme Gakebojese Mokoduwane, Kebosentse Kaithoba le Molefi Modise.
A re ba ikgaogantse ka ditlhophana tse pedi go apaya ka malatsi a mabedi a a farologaneng mo bekeng.
Mme Balotlhegi a re dithuto tsa kgwebo di ne tsa ba solegela molemo ka ba ne ba sa itse sepe gore a go botlhokwa gore kgwebo e nne le melao e e tlaa e tsamaisang gammogo le go nna le dibukana tsa go kwala gore e tsweletse jang.
O tlhalositse gore ba ne ba nna lesego thata ka go fiwa tiro ya go apeela sekole se sebotlana sa Tshwaane mapakiwa go simologa ka 2012 go fitlha mo nakong ya gompieno, mme seo se ne sa ba tiisa moko le go feta.
A re madi otlhe a dipoelo ba a baya kwa bankeng, mme e re fa ba tlhoka go reka dilo dingwe tsa kgwebo ba tsee bontlha bongwe mo go one.
A re polokelo ya madi kwa bankeng e mosola mo kgwebong ka ba sa bape le madi, mme seo se dira gore ba seka ba a dirisa botlhaswa.
A re ntswa ba tsweletse sentle, ba kopana le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya metsi, mme seo se dire gore ba pake a pula mo ditankeng.
O tlhalosa gore kgwetlho ya letlhoko la metsi e isa kgwebo ya bone kwa tlase ka gore fa a seyo, ga ba theogele sentle.
Mme Balotlhegi a re kgwetlho e nngwe ke letlhoko la motlakase,
Ka jalo ba tlamega go dirisa gase le dikgong mme di a ba turela.
A re gape borotho bo tlhokana le menatetsho e e tshwanang le jeme, mme e tlhoka setsidifatsi.
O boletse gore maikaelelo a bone ke go bona ba na le marekisetso a borotho a a ikemetseng e bile a na le setsha sa kgwebo gammogo le go apaya marotho a a farologanyeng.
A re gape ba eletsa go bona madirelo a godile gore a tlhame diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : TSHWAANE
Event : Potsolotso
Date : 29 May 2017






