Breaking News

Tsogwane o gakolola ba Boteti go tlhopha mananeo sentle

29 May 2017

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber  Tsogwane o gakolotse banni ba Boteti Bophirima gore fa ba tlhopha mananeo a ba batlang go a dira ka P10 million o o fiwang dikgaolo  ba tlhophe a e leng letlhoko legolo la bone e seng dikgwebo.

Tona Tsogwane o ba gakolotse jalo kwa diphuthegong tsa gagwe tsa malatsi a mabedi tse a neng a lekola morafe a bo a abela bagodi le bana ba masiela dikobo bosheng kwa kgaolong ya gagwe.

Tona Tsogwane o abetse bagodi le bana ba masiela mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi e le lesome le bobedi dikobo di ka tshwara makgolo a mararo le masome a fera bongwe.

O boletse fa e le mapalamente ba na le tshwanelo ya go gakolola morafe mo tirisong ya P10 million, a tlhalosa gore madi a ga se a dikgwebo, ke a mananeo a ditlhabololo tsa motse a tshwana le go baakanya dikago, ditsela le tse dingwe tse e leng letlhoko.

A re madi a a diretswe go thusa go  dira mananeo  a a seng matona a e leng letlhoko legolo mo metseng ka go farologana, e seng dikgwebo tsa morafe tse e tlaa reng ka moso go bo go se na yo o arabelang madi a tsone ka e bile go na le dikgang tsa go jewa ga madi.

E rile fa ba kgwa tona dikgaba le go lebogela dimpho ba supa fa e le selo se sentle go bo a ba lekola ka dinako tsotlhe.

Ba ne gape ba mo akgolela go supa kutlwelobotlhoko ka go gakologelwa bagodi le bana ba masiela ka dimpho, ba re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Banni ba Rakops, Mopipi, Toromoja, Xhumo le e mengwe ba ne ba lela ka letlhoko la metsi.

Banni ba Mopipi bone ba ne ba supa fa seemo  sa teng se le  maswe ka banni bangwe ba anwa metsi mo dikhuting mme a sa siamela botsogo jwa bone.

Ba ne gape ba lela ka tshenyo ya ditlou ko masimong ba re ba kopa gore terata e e kgaoganyang  metse le  diphologolo e baakanngwe.

E rile a tsibogela dilelo tsa bone, tona Tsogwane a ba tlhalosetsa gore selelo sa bone sa metsi se gaufi le go nna kgang ya maloba ka jaaka puso e bonye madi kwa bankeng ya mafatshe ya World Bank a go dira  lefelo le le tlhatswang metsi kwa Boteti.

Tona Tsogwane o ne gape a ba tlhalosetsa fa terata e setse e simolotswe go dirwa ntlha ya kwa kgaolong ya Sokwane le Khumaga.

O ne a  tlhalosetsa  banni ba metse e go dirwang terata kwa go yone gore terata  ga e kake ya fudusa metse ya bone e bile ga e kake ya dirwa mo nokeng ka gore gompieno noka e a tshela.

E rile a lebogela dimpho, modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe  a leboga tona go bo a supile kutlwelobotlhoko ka go abela ba ba tlhokileng lesego dimpho.

Rre Galeragwe o ne a kopa ba ba abetsweng dimpho go di amogela ka lerato, a re sejo sennye ga se fete molomo, a lemotsha ba ba sa bonang sepe gore le bone ba tlaa abelwa mo nakong e e tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 May 2017