Breaking News

Temo ya tshomarelo bokgola e botlhokwa

29 May 2017

Mogokaganyi wa ditirelo tsa lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Cornelius Mokgoko o kgothaditse balemi ba kgaolo ya Mokubilo go dirisa lenaneo la temo ya tshomarelo bokgola ka le ka tokafatsa thobo.

Rre Mokgoko o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa letsatsi la balemi le go rolwa ga  terata ya setlhopa sa balemi ba ba ikopantseng sa Kareekatee ba ba thusitsweng ka lenaneo la go agelela masimo kwa Mokubilo bosheng.

Rre Mokgoko a re maikaelelo a puso ke gore balemi  ba kgone go ijesa gammogo le go jesa lefatshe leno, a tlhalosa gore mo nakong e e fetileng e ne e dirile mananeo a tshwana le ARAP le ALDEP mme gompieno go dirisiwa ISPAAD go thusa balemi.

O ne gape a re puso e ntshitse mananeo a gore Batswana ba tlhabolole temo mme a re go mo maruding a bone gore ba a dirise.

O ne a gakolola ba masimo a Karekatee go tsaya lenaneo le ba thusitsweng ka lone le e le  katlego e kgolo ka jaana Batswana ba bangwe ba ba sa agelelang masimo ba tshwenngwa ke leruo mo masimong.

Rre Mokgoko a re go botlhokwa gore pele ga balemi ba lema ba tlhatlhobe mebu ya masimo gore ba tle ba itse gore ba ka dirisa menontshane ya mofuta ofe.

O bile a rotloetsa ba Kareekatee  go simolola botsalano le BAMB, a re le bone ba na  le thusano ya go tlhatlhoba mebu, a tlhalosa gore gape ba kgona go thusa balemi go simolola ka temo go fitlhela ba roba.

Rre Mokgoko o ne a rotloetsa komiti ya Kareekatee go dira thulaganyo ya gore ba ya go tlhokomela terata jang, gore maduo a yone a tle a bonale.

E rile fa a tswa la gagwe, modulasitilo wa Kareekatee, Mme Boitshwarelo Masole a tlhalosa fa ba leboga puso ka gore e ba ntshitse mo mathateng a go senyediwa ke leruo mo masimong.

Mme Masole a re mmu wa masimo a  bone  ga o a siama o motlhofo, a tlhalosa fa ba na le dingwaga di le tlhano ba simolotse lenaneo la temo ya tshomarelo bokgola mme a re e thata e a ba palela.

A re  maikaelelo  a bone ke go lema ba ntsha dijo tse di bonalang ba lemela kgwebo  e e nang le dipoelo.

E rile a ba ema ka lefoko la kgothatso, mogokaganyi wa tsa temo-thuo wa kgaolo ya Legare, Mme Fatima Makgathe a re temo-thuo ke pinagare ya botshelo jwa Batswana, ke ka moo puso e rotloetsang balemi-barui go tlhabolola le go dira kgwebo.

Mme Makgathe a re temo-thuo e batla motho a ititeile sehuba e bile a sa e patagenye le sepe,a ba a kopa gape gore ba seka ba kgaoganya temo le thuo ka gore ke  di-ya thoteng di bapile ka jaana motho a kgona go lemela leruo, a ba rotloetsa go dirisa dijalo tse di padileng go fepa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUBILO

Event : Moletlo

Date : 29 May 2017