Breaking News

Thusanang le mmuso go lwantsha lehuma

29 May 2017

Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele o kopile baeteledipele ba khansele le ditlhogo tsa maphata a puso go thusana le puso go lwantsha letlhoko la ditiro le lehuma le le apesitseng Batswana kobo ka letshoba.

Rre Makgalemele yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o dirile kopo e kwa phuthegong e a neng a e kopanetse le ditlhogo tsa maphata, go lekodisana ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong.

A re ke boikarabelo jwa badirelapuso go isa ditlamelo kwa bathong le go thusa ka dikgakololo ka mananeo a puso go tokafatsa matshelo le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe.

Mopalamente o tlhalositse fa go ngomola pelo go bona Batswana ba tshelela mo lehumeng ntswa puso e ntshitse mananeo a batho ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Rre Makgalemele o boleletse phuthego fa maikaelelo a gagwe e le go ngoka bagwebi ba ba ka simololang dikgwebo tse di ka direlang banana ba kgaolo eo ditiro gore ba emise go tshelegela kwa ditoropong ba batla mafulo a matalana.

A re go ngomola pelo go bona banana ba Mokgenene le Poloka ba ba tswang go ithutela ditiro tsa diatla kwa India ba kaila mo mebileng ntateng ya go tlhoka go thusiwa ka didirisiwa tsa go simolola kgwebo.

Rre Makgalemele o kopile gore go sekasekwe go dirisa bontlha bongwe jwa P10 million yo o abetsweng kgaolo ya Shoshong go tlhabolola polase ya batho ba Moralane le go tlhabolola lefelo la bojanala kwa Kodibeleng.

A re bontlha bongwe jwa madi a nyeletso lehuma a ka dirisiwa go simolola dikgwebo tsa dikoporase, temo ya merogo le maungo, thuo ya dikgomo tsa mashi, thuo ya dihutshane le dikoko tsa mae le nama ka e le dikgwebo tse di ka nyeletsang lehuma le letlhoko la ditiro.

Modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani o kgothaditse badirelapuso go ititaya ka thupana go direla setshaba ka matsetseleko ka puso e ba duela kgwedi le kgwedi go direla tshaba ya Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 29 May 2017