Se tseeng dithuso lolea - Autlwetse
29 May 2017
Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse a re o tshwenngwa ke batho ba ba tsayang lolea dithuso tse ba di fiwang ke puso.
Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Maunatlala, Ratholo le Majwaneng bosheng, Rre Autlwetse o ne a re gangwe le gape bangwe fa ba sena go fiwa dithuso go tswa mo pusong gore ba itshetse, ba felela ba di latlhelela mme e le dithuso tse ba tshwanetseng ba di somarela ka ba di neetswe gore ba itshetse.
A re bangwe ba kgona go fa pego e e seng ya boammaaruri ka dithuso tse ba di filweng di tshwana le tsa dikoko, dipodi le gone go lemelwa ka lenaneo la ISPAAD.
A re mo dinakong tse dingwe ba ba filweng dikoko kana dipodi gore ba itshetse ba kgona go bolela fa di sule ntateng ya bolwetse bo tshwana le jwa mokorobelo ba sa bue boammaaruri.
Ka jalo Rre Autlwetse a re fa go tlhotlhomisiwa go felela go supafala fa di ne di na le tse dingwe mme tse di neng di na le tsone di sa angwa ke bolwetse joo mme moo go gakgamatse.
A re bangwe ba lemelwa ka ISPAAD fa ba sena go lema ba ya Ipelegeng ba kgathologile mashimo ba bo ba felela ba sa roba sepe.
A re go supafala fa go tlhoka tlhaloso e e tseneletseng ya gore ba ba fiwang dithuso go tswa mo pusong ba bolelelwe gore ke dithuso tse ba di fiwang e bile e le tsa bone e se tsa puso, ka jalo go tlhokafala le gore e nne boikarabelo jwa bone gore ba di somarele e re kwa bofelong di bo di ba tshetsa.
Rre Autlwetse o ne a rotloetsa banni go tsenya dikgomo manyena ka go le botlhokwa.
A re puso ga e a tshwanela go tsena mo seemong se go tlaa felelang go patikwa beng ba dikgomo go di tsenya manyena.
A re go na le bangwe ba ba sa tsibogeleng go tsenya dikgomo manyena mme ga go a tshwanela gore e re dinako tsotlhe fa puso e kopa Batswana go dira sengwe ba bo ba felela ba patikwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 29 May 2017






