Breaking News

Maitseo namane ya moroba - modulasetilo

29 May 2017

Modulasetilo wa lekgotla le le okametseng bagwebi ba dipalamo tsa setshaba la Francistown, Rre Timon Matebesi o ikuetse mo bagwebing ka kakaretso go itshwara sentle ka dinako tsotlhe fa ba thusa setshaba.

Rre Matebesi o dirile boikuelo jo fa a buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa go le gantsi bangwe ba bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba na le go tlhoka setho mo sechabeng, mme a supa fa ba tshwenyegile thata ka maitsholo a go nna jalo. 

A re go tlhoka botho mo ba go dira ka ditsela tse di farologaneng di akaretsa go tlhoka go tlhopha mafoko fa ba tsere dikgang mo maemelong a dipalamo tsa setshaba, fa ba buisana le bapagami gammogo le go kgweetsa ka makgwakgwa ba rwele setshaba.

Rre Matebesi o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go itshwara jalo go sa supe gotlhelele fa ba rata le go tlhompha tiro ya bone, a tlatsa ka go re go tlhoka setho mo botshelong ke tsela ya go sa itlotla.

O tlhalosa fa mo tirong e ya bone, ba pega bana gammogo le baditshaba, mme bana ba ka felela ba anywa maitsholo a a sa eletsegeng mo setshabeng.

“Tota tiro e ya go rwala setshaba e tlhokana le boikarabelo ka jaana e re kopanya le ditshaba di sele,” a bolela.

O tlhalosa fa se se ba tlama gore ba thuse ope fela ka tsela e e ka se segeng tsebe.

Ke ka moo a neng a gatelela gore maitseo namane ya moroba.

O boletse gore keletso ke gore bakgweetsi ba ne ba nna le puo e e tlhapileng le bapagami, ba ba thuse ka fa tshwanelong.

Gape o ne a tlhagisa fa se ba tshwanetseng go se dira e le gore ka dinako tsotlhe ba netefatse fa dipalamo tsa bone di le mo seemong se se itekanetseng go ka rwala setshaba.

“Sepalamo sa setshaba se tshwanetse sa nna se le mo seemong se se itekanetseng, e seng gore se kgobe marapo mopagami ka go nna le dipotso tse di mafaratlhatlha gore a o tlaa goroga kwa a go yang,” a bua jalo.

O bile a kopa le bone bapalami ka sebele gore go age mo dipelong tsa bone go tlhotlha mafoko a ba a dirisang fa ba tsere dikgang mo dipalamong tsa setshaba.

E re dikgang di eme jalo, modulasetilo o ne a supa gore e re le ntswa ba le lekgotla le le okametseng, ga ba na dithata dipe tsa go tseela bape bakgweetsi dikgato fa ba fositse ka nngwe tsela mo tirong ya bone.

A re seo ka bosone se rotloetsa go tlhoka botho mme o tlhalositse fa se se diragalang mo nakong eno e le gore fa mopalami a tlhokile kutlwisisano le mokgweetsi, ba begela ba lephata la dipalamo mme bone go se gope fa ba amegang teng le ntswa tiragalo e ka tswa e dirageletse mo matlhong a bone.

O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore ba le lekgotla ba nnile le tumalano ya gore bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba nne le paka gammogo le go tsenya dikonopo tsa maina gore ba bonagale mo setshabeng.

Le fa go ntse jalo, a re bangwe ba bakgweetsi ga ba rekegele tumalano e, mme go thata mo go bone go ka ba tseela dikgato.

Ke gone ka moo a kopileng gore baeteledipele ba lekgotla la lefatshe ka bophara ba fiwe dithata go ka rarabolola dikgang dipe fela tse di ka nnang teng di sega tsebe mo tirong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2017