Dikgwebo tse dipotlana di ka thusa go kabakanya itsholelo
29 May 2017
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA) kwa Kanye, Mme Martha Keikanetswe a re fa bagwebi ba ba botlana ba ka tlhoafalela go tlhama dikgwebo go ka thusa puso go kabakanya itsholelo.
Mme Keikanetswe o buile jalo ka letsatsi la bagwebi ba ba botlana le go isa ditirelo kwa bathong le le neng le tshwerwe ke ba khansele-potlana ya Kanye kwa Molapowabojang bosheng.
A re fa khansele-potlana ya Kanye e ka tshwara letsatsi le mo metseng ka go farologana, go ka tokafatsa le yone itsholelo ya metse ya go nna jalo ka jaana madi a a neng a ka tswa mo motseng jaanong ga a na go tswa.
Mme Keikanetswe a re go ka thusa le bone bagwebi ka jaana banni ba metse ya bone ba tlaa bona dithoto segautshwane le go fa bagwebi sebaka sa go fana maele a kgwebo.
A re letsatsi la bagwebi le botlhokwa mo bagwebing ba ba botlana.
Mme Keikanetswe a re bagwebi ba fa ba ka tokafatsa dithoto tsa bone di ka gapa leitlho la moreki ka e bile go tswa goo- Lowe Motswana a itsege ka botswerere.
O bile a re se se ka thusa puso go kabakanya itsholelo gore e seka ya wela tlase.
A re se se ka diragala fela fa bagwebi ba ba ka tlhagafalela go tlhama dikgwebo.
O ne a itsise bagwebi ba babotlana gore LEA e thusa bagwebi kwa ntle ga tuelo.
Fa a amogela baeng, Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o ne a leboga ba khansele-potlana go bo ba isitse letsatsi la bagwebi kwa motsing wa gagwe.
A re se se tlaa ruta batho ba motse kgwebo.
Kgosi Letshabo a re go isa letsatsi la bagwebi kwa bathong go ka dira gore metse e itsege ka jaana metse mengwe e sa itsege.
Kgosi o bile a kgothatsa batho go duela dikoloto tsa bone tsa lekgotla la Setswana.
A re go lebega batho bangwe ba nyatsa lekgotla la Setswana ka jaana fa ba atlhotswe mo go lone ga ba ke ba duela.
A re lekgotla la Molapowabojang le kolotwa P300 000.
A re o eletsa gore maina a ba ba kolotang a ngaparisiwe mo difensetering.
Kgosi Letshabo a re fa e le gore bangwe ke ba ba tlhokafetseng ba losika ba tlaa ya kwa kgotleng go phimola maina a bone.
O boletse fa go na le molao o o letlang gore batho ba ba sa dueleng ba isiwe kgolegelong.
E rile a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Kanye, Mme Kamogelo Theetso a re maikaelelo ke go tla go rotloetsa bagwebi ba ba botlana ka go supa dithoto tse ba di dirang.
Mme Theetso a re gape ba rotloetsa le bareki gore ba reke mo bagwebing ba ba mo metseng ya bone le gore bangwe ba anye maele mo go ba bangwe le gore ba emane nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Bokopano Jwa Bagwebi ba ba Botlana
Date : 29 May 2017






