Breaking News

Ba tlhagisiwa ka bolwetse jwa letshoroma

29 May 2017

Mme Lesang Lekula yo e leng motlhatlhelela dithuto ka tsa botsogo kwa kokelong e potlana ya Mmadinare, a re bolwetse jwa Malaria bo tlhasetse kgaolo ya Bobirwa, segolo bogolo mo kgotleng ya Matabi.

O buile jaana mo bokopanong le banni ba kgotla ya Matabi bosheng.

Mme Lekula a re fa ngwaga o simologa ba abetse batho masire a monang, segolo jang ba ba nnang gaufi le noka go fokotsa koketsego ya bolwetse jwa malaria.

O tlhalositse fa banni ba motse ba rotloediwa go tlhagola bojang mo tikologong ya bone ya bonno.

A re banni ba motse ba gwetlhwa go katela mafuti a a emeng metsi go fokotsa go ata ga monang.

A re go fokotsa bolwetse jwa malaria go tlhokana le tirisano-mmogo ya morafe le ba botsogo, ka jalo morafe o kopiwa go letlelela ba ba gasang molemo wa monang go o gasa mo malwapeng.

Mme Lekula o ne a rotloetsa banni go robala ka fa tlase ga lesire le le nang le molemo wa monang go fokotsa go gasama ga bolwetse jwa malaria.

Mme Lekula o ne a supa ngongorego a re ntswa ba abela banni masire go itshireletsa, bontsi ba a dirisa go tshwara ditlhapi, mme seo e le go dirisa ditlamelo tsa puso ka tsela e e seng yone.

Mme Lekula o ne a tswelela ka go supa fa ba tshwenyegile ka banni ba masimo le meraka ka ga ba dumele go tshelwa molemo mo metsing a a emeng ba re go ka ama dijwalo le leruo, mme o ganeditse matshosetsi ao, a tlhalosa gore molemo o ga o na ditlamorago dipe fela mo leruong kgotsa dijwalo.

A re metsi a a emeng mo didibeng a tlaa tlhatlhojwa, mme fa go fitlhelwa mae a monang o o tsenyang malaria, go tlaa tshelwa molemo mme go abelwe batho masire.

O ne a tswelela ka go rotloetsa banni gore fa ba etela mafelo a a tlwaelesegileng ka monang o montsi jaaka kwa Ngami, ba bone ba botsogo go tsaya dipilisi tse di thibelang malaria pele ga ba tsamaya.

Mme Lekula a re malaria ke bolwetse jo bo bolayang fa bo sa potlakelwe, ka jalo a rotloetsa banni ba motse gore fa ba bona dikai tsa go tshwana le go opiwa ke tlhogo, go kgwa, go huhula le go fetoga mmala wa letlalo ba potlakele kwa kokelong go tsaya kalafi nako e sale teng.

E ne ya re kwa bokhutlong, Kgosi wa kgotlana ya Matabi, Rre Leatile Ganetsang a leboga ba kokelo ya Mmadinare go bo ba tsisitse dithuto tse kwa morafeng wa gagwe.

A re botsogo jwa motho bo tla pele, ka jalo a rotloetsa morafe gore fa dikgang tsa botsogo di tla kwa go bone ba di potlakele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Botshelo Nokaneng

Location : MMADINARE

Event : Bokopano

Date : 29 May 2017