Breaking News

Mapodisi a kopa tirisanyo-mmogo

29 May 2017

E re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o gwetlhile bagwebi ba marekisetso a nama go ba thusa go fokosa bogodu jwa leruo ka go amogela dikgomo tse di tswang matlhabelong fela.

O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba lemogile fa go na le bagwebi bangwe ba ba dirisanang le magodu a leruo.

“Seemo se sa go reka leruo le le sa fetang ka matlhabelo ga se a siamela bareki ka ba reka nama e e sa tlhatlhojwang,” a tlhalosa.

Rre Ramaabya a re kgomo e e isiwang kwa matlhabelong e supa ka botlalo gore ke ya ga mang, mme se se diretswe go fokotsa bogodu jwa leruo.

O tlhalositse fa go se na tirisano mmogo mo go borakgwebo tsa nama ka ba seke ba bega dikgang tsa bogodu jwa leruo.

Rre Ramaabya a re barui ba tshwanetse go ikela tlhoko ka leruo la bone ba le fufuletse ka botlhoko, ka jalo ba tshwanetse go bona madi a a botoka fa ba le rekisa.

O tlhalositse fa ba ka bona dituelo tse di lebaneng fela fa ba fetisa dikgomo ka matlhabelo.

E re le ntswa go dirisiwa methale e e farologanyeng go isa melaetsa kwa Batswaneng, Rre Ramaabya o supa fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsere phekelo e sele ka di oketsega ka lebelo le le kwa godimo.

A re e le ba sepodisi ba tsere tshwetso ya go dirisana le ba ba tlhatlhobang marekisetso a dinama gore di mo seemong se se siameng sa go rekisetsa morafe nama.

A re go direng jalo ba tlaa bo ba kgona go lemoga dikgomo tse di sa tsweng matlhabelong mme ba tseele badiramolato dikgato.

Rre Ramaabya a re o tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tshololwang morago ga go tlhotlhomisa, se a reng ke go senya ditsompelo tsa mmuso.

A re seo se ba tshwenya thata ka se ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tsweletseng ka go golela godimo.

A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba boele kwa mapodising ka maikaelelo a go tsholola kgang.

A re bangongoregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba tsholole kgang ka ba itshwarelanye.

O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modiramolato a tswelele ka tshenyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2017