Monana o paka nyeletso lehuma
29 May 2017
Rre Obuilwe Muzila, monana wa Francistown, o ipelafatsa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka le mo file seriti mo botshelong.
Rre Muzila, yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, a tlholega kwa Mathangwane, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore fa e sale a bona dithuso tsa nyeletso lehuma ka 2014 go itshimolela kgwebo ya moriri, botshelo jwa gagwe bo fetogile go menagane.
O tlhalositse fa a ne a utlwalela ka lenaneo le mo seromamoweng, mo diphuthegong tsa kgotla gammogo le ka bangwe ba banni ba Francistown ba ba neng ba setse ba kgonne go bona dithuso tsa go itshimolela dikgwebo.
Ka jalo a re ntleng le go gadima kwa morago, o ne a ikgolaganya le ba ofisi ya tsa boipelego ya kgotla ya Phase IV go ya go itseela ka tsoo-pedi.
“Gone kwa ofising eo, ke ne ka bona tlhaloso e e tletseng ka mananeo a nyeletso lehuma,” a bolela jalo.
O ne a tlhalosa fa gareng ga mananeo ao, a ne a tlhalosediwa ka mananeo a go apaya, go roka, go betla, go rekisa gammogo le yone kgwebo ya moriri gareng ga tse dingwe.
Rre Muzila o ne a tlhalosa fa morago ga go tlhalosediwa moo, a ne a itlhophela go ikwadisetsa go tsena mo kgwebong ya moriri gone ka 2014.
“Ka ke ne ke berekile ka lobaka mo dikgwebong tsa moriri ka go farologana, ke ne ka dumela fa ke na le botsipa jo bo tletseng jwa kgwebo e mme ya nna yone e ke ka eletsang go thusiwa ka ditsompelo tsa yone go e dira,” a bolela jalo.
A re batho ba ne ba dumela fa kgwebo e e dirwa thata ke bomme, mme ka jalo ba ne ba sa dumele gore o tlaa e kgona.
Ke gone ka moo a neng a supa fa go eteletsa pele mowa wa lorato le go nna le maikaelelo mo go se a eleditseng go se dira go ne ga mo tiisa moko go sa reketle ka gope go tswelela pele.
O tlhalosa fa e ne ya re a ntse a letile karabo ya kopo ya gagwe, a lelediwa ke ba ofisi ya boipelego ba mo tlhalosetsa fa kopo ya gagwe e sa atlega.
“Ke ne ka seka ka kgobega marapo ke go sa atlega ga kopo ya me, mme ke ne ka rwala ditlhako ka ya go utlwa sentlentle gore matsapa di a tsaya kae,” a bolela jalo, a supa fa a ne a ipaakanya diphoso mme a tsenya gape kopo ya gagwe ka Phalane.
A re mo sebakeng se se sa fediseng pelo, kopo ya gagwe e ne ya arajwa mme a thusiwa ka P15 000 yo o neng a mo kgontsha go reka ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang go dira kgwebo ya moriri.
Gape a re e ne ya re go tloga foo a itoma wa tlase molomo a semelela, a ntsha maduo.
“Fa ke go tshwere ka diatla tsa me mo tlhogong, a ke go go beola kgotsa go loga, bontle jwa gago e nna jwa marata go lejwa mme e bile le wena o ka se itshole ka gope,” a ipoka jalo.
O ne a tlhalosa fa go dira ka botswapelo go ne ga mo thusa gore a bone balogi ba bangwe morago ga go bona bokgeleke jwa gagwe mo go ba a ba logileng.
Mo nakong eno, Rree Muzila o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e santse e itsetsepetse mme e bile o ikaelela go tswelela a ntsha ga sthwene.
“Fa ke bua le wena jaana ka dipoelo tse ke di dirileng ke kgonne go ithekela setsha sa bonno kwa Hubona, ke kgonne go kwadisa kompone, ke kgona go ikapesa le go ijesa gammogo le go tlamela bana ba me ba bararo,” Rre Muzila bolela.
Kgwebo ya gagwe e a e biditseng Watida Hair Salon e direla mo Francistown kwa kgaolwaneng ya Itekeng mme e kgonne go hira Motswana a le mongwe.
O tlhalositse fa se e le kgatelopele mo maitekong a go leka go bula diphatlha tsa mmereko mme a re o ikaelela go gola mo kgwebong gore a kgone go thapa Batswana ba le bantsi.
Rre Muzila o bile a kgothatsa banana ka ene go emela matshelo a bone ka dinao go sa le gale, a tlhalosa ba tshwanetse gore ba iphataphatele go na le go ipata ka letlhoko la ditiro.
O tsweletse a kgala boitseme jo bo dirwang ke batho bangwe ba e reng ba abetswe dithuso tsa lenaneo lepe fela la puso ba bo ba sa tsenye moko dinameng.
Gape o tlhalositse fa puso e senyegelwa ke madimadi ka mananeo a, ka jalo go ngomola pelo gore batho e re ba thusitswe ka madi a a kana ba bo ba itsemeletsa.
“Mananeo a a nyeletso lehuma a molemo thata go ka tlhabolola matshelo a rona Batswana fa fela re ka a tsaya ka tlhoafalo,” a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 29 May 2017






