Mananeo a puso a tlhoka tshomarelo
23 May 2017
Mafoko a, a boletswe ke mokhanselara wa Kaudwane/Sorilatholo Rre Olebogile Katameto kwa phuthegong ya khansele bosheng.
O kopile makhanselara ka ene go bua le batho ka botlhokwa jwa mananeo, gore ba tlogele go a tsaya lolea, a supa fa mananeo a ka ba ntsha mo lehumeng fa ba ka a dirisa sentle.
Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang, o ne a supa fa a itumelela gore go tlaa agwa ntlwana ya borutelo kwa sekoleng sa Ditshegwane, a supa fa a itumelela kgang ya gore tsela ya Kgare/Ditshegwane e tlaa tshelwa lekgarapana.
Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung Rre Bokopano Tumiso, o ne a supa matshwenyego a gore ga gona koloi ya kokelo kwa Sesung, a supa gore fa ba bua ba tlhalosediwa fa ba tlaa thusiwa ke koloi ya Letlhakeng. Mokhanselara wa Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho o ne a supa fa kokelwana ya Ngware e ole marulelo.
Mme Beauty Bogale ene o ne a supa fa kwa Motokwe ba koporase ya metse ba tswetse dipompo tsotlhe tsa motse. Mokhanselara wa Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego ene o ne a supa fa a kopile gore ba agelwe ntlo ya modisadikago kwa kokelong ya Mantshwabisi, mme ka maswabi o bona dikokelo tsotlhe tse di mo kgaolong di tsiseditswe ditanka tsa metsi, tse a supang fa di ne di sa tlhokafale ka dikokelwana tsotlhe di na le ditanka.
Mo go tse dingwe, mokhanselara o supile fa batho ba Serinane ba sa bone phaleche ya mophako, mme go se na tlhaloso epe e e tsepameng.
Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane o ne a kopa gore ba fiwe karabo ya gore kokelo e ba saleng ba e solofeditswe e bokgakala bo kae.
E rile fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane kwa lephateng la botsogo le boitekanelo, Dr Terrence Mokuhwa o ne a supa fa kokelo ya Letlhakeng e ntse e le teng mo lenaneong, mme fela a supa gore ga ba ise ba bone moalo wa yone.
Dr Mokuhwa o supile fa mo nakong eno kokelwana ya Sesung e se na koloi ka jaana e e neng e le teng e sule. O supile fa go oketsa ditanka kwa dikokelwaneng go ne go ntse go le mo lenaneong, e bile dilo dingwe di ka se dirwe ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
O tlhalositse fa ba filwe P250 000 a go baakanya dikago, mme a tlhaelela kgakala BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 23 May 2017






