Breaking News

Ba tlhagisitswe go nna podimatseba

23 May 2017

Banni ba Mosojane le metse e e mabapi ba tlhagisitswe go nna podimatseba mabapi le manweenwee a a tsweletseng ka go bas tsietsa ba ba tshephisa tiro mo konterakeng e e thapilweng go dira tsela ya Tshesebe –Masunga e e tlaa bong e kgabaganya motse wa Mosojane.

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Sebangani Mosojane o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke dipego tsa gore morafe wa gagwe o jelwa madi ke manweenwee a a tlang ka dipego tsa gore ba romilwe ke rakonteraka go thapa babereki ba ba tlaa bong ba thusa go dira tsela eo. Kgosi Mosojane a re ere ka letlhoko la ditiro le lone le ile magoletsa, batho ba tsiediwa motlhofo ka tshepho ya gore matshelo a bone a tlaa fetoga, ba kgone le gone go lwantsha mmaba tlala.

A re go botlhoko go bona batho ba tshameka ka maikutlo a ba bangwe e bile ba ba jela madi le ntswa ba itse fa madi a le thata go bonwa, segolo jang mo magaeng.

O tladitse ka go re manweenwee ao a latela batho mo madirelong a dinotagi ka ba itse gore ba ya go ba fitlhela ba le digongwana, ka jalo ba dire madi a mantsi.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mosojane o tlhalositse fa bangwe ba tla mo motseng ka bontsi go tswa mo metseng e e mabapi ka magatwe a gore go a hirwa.

A re fa e sale ka dikgang tsa gore go dirwa tsela ya Tshesebe-Masunga, borukutlhi le jone bo tla ka mmetela, ka jalo a rotloetsa banni ba metse e go nna kelotlhoko, segolo jang ka ditiro tse di hirelwang mo mafelong a a belaetsang.

Kgosi o kgothaditse Batswana go nna ba lebelela motshameko wa Itshireletse ka dikgang tsa mofuta o di nna di supiwa go tsibosa Batswana go itlhokomela. O kopile morafe go batlisisa pele le go botsa ba diofisi tse di maleba gammogo le mo bogoging jwa metse pele ga ba ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng. BOPA
 

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MOSOJANE

Event : Potsolotso

Date : 23 May 2017