Ba Tshwaane ba itumelela FNB
23 May 2017
Barutabana, batsadi le bana ba sekole sa Tshwaane mo kgaolong ya Kweneng ba re ga ba kitla ba lebala letsatsi le ka lone ba First National Bank Foundation, ba neng ba abela bana botlhe ba sekole se sebotlana sa Tshwaane ditlhako, ba ba makgolo mabedi le metso e le lesome le bobedi, go balelwa ba ba tlaa simololang mophato wa ntlha ngwaga o o tlang, bogolo jang ka go mariga.
Mafoko a, a boletswe ke motshwarelela mogokgo wa sekole sa Tshwaane, Mme Dithoredi Ngwanaakgotla, jaaka fa a ne a amogela baeng kwa sekoleng seo bosheng.
Mme Ngwanaakgotla o supile fa ba FNB ba tsisitse phetogo mo baneng, selo se a supileng fa se tlaa dira gore bana ba ba nang le letlhoko ba seka ba farologana le ba bangwe.
Moemedi wa banka ya FNB, Rre Kago Sibisibi o ne a supa fa ba itlamile go abela bana ba ba kgakala le ditlamelo ditlhako, a supa fa ba sale ba simolola go abela bana ditlhako ka 2015.
O supile fa ba na le motlhala kwa bankeng eo, a supa fa e rile ngogola ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome mabedi le botlhano banka eo e ntse e direla mo lefatsheng leno.
A re ba itlamile go abela dikole tsa metse e e kgakala le ditlamelo di le 3 138 ditlhako, a bo a bolela fa ba setse ba abetse bana ba le 7 224.
O supile fa e rile ngogola lekalana lengwe le lengwe la FNB mo lefatsheng leno la ntsha P25 000, mme ba setse ba dirisitse P40 million mo setshabeng.
Rre Sibisibi o supile fa ba tshwaraganetse tiro e le lebentlele le le rekisang ditlhako la BATA, mme ba ba rekisetsa ka phokoletso ditlhotlhwa.
O kopile bana go tlhokomela ditlhako tsa bone, a kopa gore ba seka ba raga matlapa ka tsone, ba seka ba di adimana le gone gore ba di pholeche di nne di phatsima.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Rre Ompeile Mochanang, o supile fa ba biditse batsadi gore ba tle go nna basupi ba se FNB e se dirang, a supa fa Baebele e re tshupelo e e boitshepo e supa gore motho o supa se a se bonyeng, gape e le boammaaruri e seng sepe gape.
Mogolwane wa lephata la boipelego kwa Letlhakeng, Mme Mothusi Pule, o boletse fa lephata leo, le le ka fa tlase ga la dikgaolo le tlhabololo magae, le thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
O supile fa ba rwele mokgweleo o, mme ba ka seke ba o kgona ba le nosi fa makalana a mangwe a sa ba thuse, a supa fa ba tshwanela go thusa bana ba batsadi ba bone ba tlhokileng lesego ka paka ya sekole, ba netefatsa gore ba tsena sekole, ba ja sentle le gone go ba thusa ka melora le sepalamo sa go ya sekoleng. Mme Pule o supile fa gape ba thusa batsadi ba ba nnang kgakala le ditlamelo ka go ba phakisa leruo, gore mo nakong e e tlang ba kgone go ikemela.
O kopile batsadi gore fa bana ba sa lekanwe ke ditlhako ba di buse gone foo, gore di tle di busediwe kwa lebentleleng ba rekelwe tse di ba lekanang sentle.
Mogokgo wa sekole sa Motokwe, Rre Rapelang Modise o supile fa ba le motlotlo ka banka ya FNB, a supa fa ba lephata la thuto ba ka seke ba kgone ba le nosi go netefatsa gore bana ba akola thuto.
A re barutabana le bana ba sekole sa Tshwaane ba na le tshwanelo ya go ntsha maduo a a tshwanetseng, a supa gore fa ba lekalana la FNB ba ka itumela fa ba ka re ba leba kwa morago nako nngwe, ba bona ngwana wa sekole sa Tshwaane a bereka mo lekalaneng la bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TSHWAANE
Event : Kabo dimpho
Date : 23 May 2017






