Breaking News

Dikgaisanyo di rotloetsa botswerere

23 May 2017

Mothusa molaodi wa Palapye Administration Authority (PAA) Rre Enerst Phiri a re letsatsi la dikgaisanyo tsa matlhagola tsela a tsa malatsi a ga Tautona ke la bodiragatsi le banana ba tshwanetseng go le tseela kwa godimo ka maikaelelo a go ropamisa talente ya bone go e baya mo mpaananeng.

E rile a bua kwa dikgaisanyong tseo kwa Palapye bosheng a re o lemoga sentle gore banana ba tshwere talente e ba ka itshetsang ka yone, mme go mo maruding a bone gore a talente eo ba e dirisa sentle. O ne a fa sekai ka mogaka wa bosheng yo o neng a intsha setlhabelo go emela diopedi le badiragatsi ka dinao ka go tsamaya mosepele wa dikhilomithara di le 1 000 go kgobokanyetsa baopedi madi, Kast wa #Tlatsa Lebala, a re a banana ba ithute  ba bo ba anywe mo go ene.

A re bodiragatsi bo ka tlotlomadiwa ke bone go bo isa mankalankaleng, fela jaaka dikgantshwane tse di teng mo gae di simolotse ka go ribolola talente le bokgoni jwa bone, mme letsatsi leno e le badiragatsi ba tlhwatlhwa.

O ne a kopa batsadi le Batswana ka kakaretso go thusa badiragatsi go lemoga bokgoni jwa bone, a re seo se ka tswakanya sa bo sa atolosa le yone itsholelo.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kgaolo ya Legare, a lebagane le tsa mananeo a banana, Rre Master Johnson go tswa kwa Serowe o ne a re maikaelelo a dikgaisano ke go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go supa bokgoni le talente kwa ntle ga e le ngwana wa sekole.

A re maikaelelo magolo a dikgaisanyo tsa bodiragatsi ke go supa bokgeleke jo bo farologanyeng e bile bo faphegile jwa ngwao e le gone go rotloetsa mowa wa tshwaragano le go tsholetsa serodumo sa lefatshe leno sa badiragatsi.

A re se se botlhokwa ke go ribolola talente e e fitlhegileng mo  teng ga Batswana ka kakaretso, e e ka ba isang golo gongwe isago le gone go tlhabolola mhama wa bodiragatsi ka go supa dikitso tse di farologanyeng  le ngwao e e nonneng.

Mo dikgaisanyong tseo,  mo go bo DJ maemo a ntlha a ne a ya kwa go Amstrong, a latelwa ke DJ Skul le Dj Skhebo.  

Mo go bone wa maemo a ntlha le a bobedi ba ya go gaisana le ba bangwe kwa dikgaisanyong tsa makgaola kgang kwa Gaborone fa wa boraro a ne a atswiwa ka P8 000.

Bagaisani ba ne ba tswa kwa Francistown,Serowe le Palapye.

Mo go ba ba opelang ka CD bone maemo a ntlha a ne a gapiwa ke Ghetto Gospel Master go tswa kwa Francistown, fa Kelebonye Sehudi a ne a bona maemo a bobedi mme a atswiwa ka P8 000 a latelelwa ke Ookeditswe Rams ka a boraro a ikgapela P5 000.

Ba ba neng ba opela e le bone ka sebelebele, maemo a ntlha a gapilwe ke Baiseraele, fa a bobedi a tsewa ke North Jack Angel ene a bone P8 000, fa Tolly a bone a boraro a fiwa P5 000.

Ba ditlhopha maemo a ntlha a gapilwe ke Mmabesi Afro Jazz Band, fa a bobedi a ne a ya kwa go The UCM Acapelle a bona P8 000.

Wa boraro e boneg Maskandi Dot.Com ene  o ne a bona P5 000.

Ba maemo a ntlha botlhe ba ya go gaisana kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tsa letsatsi la ga Tautona fa e se fela bo DJ ke bone go tsamayang wa ntlha le wa bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : dikgaisanyo

Date : 23 May 2017