Breaking News

Matlho otlhe a lebile Khawa

23 May 2017

Matlho otlhe a tlaa bo a lebile kwa Khawa kwa go tlaa bong go tshwaretswe maitiso a Khawa Dune Challenge & Culture Festival a a tlaa tshwarwang ka Labotlhano go fitlhelela Tshipi.

Khawa ke motse o o dikhilomithara di lekgolo, masome a marataro le bosupa go ya  ntlheng ya borwa jwa Tsabong o o segofaditsweng ka  ditotoma tsa mmu tse di ratwang bobe.

Molomaganya mafoko mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Betty Gaotilwe o tlhalositse fa Khawa Dune Challenge e simologile ka 2012.

Mme Gaotilwe mo potsolosong le BOPA o boletse  fa mo nakong ya gompieno ba setse ba bopile komiti e e eteletsweng pele ke  molaodi  e e setseng e le malala a laotswe go rulaganya  le go tlhomamisa gore  moletlo o a  atlega.

A re ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao le ba BTO ke bone botshoso e rweleng mo go  rotloetsang moletlo oo ka madi.

Mme Gaotilwe a re maikaelelo magolo a Khawa Dune Challenge & Culture Festival  e ne e le go oka bajanala le go  tsosolosa ngwao ka  bodiragatsi,go tlhabolola matshelo a banni ba koo ka ba ka kgona go ja swengwe mo tdikgwebog tsa malatsi ao.

O kaile fa ditotoma tsa mmu tse di bonwang kwa motseng oo  di setse di isitse serodumo sa   Kgalagadi kwa mankalankaleng ka jaanong  o itsege kwa mafatsheng a a kgakala.

A re  moletlo oo o  gola ngwaga le ngwaga, a kaya fa  ngogola  o ne o tshologetswe ke batho ba ka feta dikete tse di lesome le bobedi  mme ngwaga ono ba solofetse dipalo tse di kwa godimo go feta tseo.

Mme Gaotilwe o supile fa ba setse ba tlhophile ditlhopha  tsa bodiragatsi  di akaretsa tsa mmino wa polka, tsutsube, borankana, dikhwaere le tse dingwe go natefisa maitiso mo malatsing a Khawa Dune Challenge tse e leng tsone tse di neng di gaisitse tse dingwe mo dikgaisanong tsa  malatsi a ga Tautona mo ngwageng oo fetileng.

O kaile fa metshameko e e solofetsweng go natefisa malatsi ao e akaretsa metshameko ya dithuuthuu, dikammela, metshameko ya kgwele ya dinao  le e mengwe.

A re ka jaana lephata la gagwe maitlamo magolo a  lone e le go tlhabolola matshelo a banana le go tsosolosa ngwao,  ditlhopha tsotlhe tse di tlaa bong di jesa monate di tlaa kgona go oba letsogo e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko.

Molomaganya ditiro o tlhalolositse fa ba solofetse balalediwa ba tlotla ba akaretsa Tauona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo e leng ene morotloetsi mogolo,  tona wa lephata la tlhabololo  banana, metshameko le ngwao, gareng ga ba bangwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 23 May 2017