Breaking News

Kgosi o ba rotloetsa go ruta bana ngwao

23 May 2017

Kgosi Masego Masonya wa kgotla ya Phase IV mo Francistown o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo go ruteng bana ngwao ya Setswana.

A re se se ka ba thusa go tla go nna le maitemogelo a ngwao e e tsepameng ka go bo e le bone baeteledipele ba kamoso.

O ne a bua se fa ba ipelela letsatsi la ngwao kwa kgotleng eo ka Labone mme a re ngwao ke yone e e agileng Botswana.

Kgosi Masonya a re ka ntlha ya go rata ngwao, Batswana ke batho ba ba lerato e bile ba na le setho sa go melediwa mathe ke ba mafatshe a sele ka go bo ba tshela ka kagiso.

A re ngwao e tshwanetse ya bopaganya merafe e seng go e thuba, a afa sekai ka go re mo toropong e tshwana le ya Francistown, merafe le dingwao di dintsi e bile go ka itumedisa go amogana maele a dingwao tse.

O ne a akgola letsatsi le a re le fa batho nako ya go kopana le go itse ka dingwao ka go farologana, a re ke selo se se maleba ka go bo ngwao e nyelela ka iketlo, segolo jang fa go ya kwa baneng.

Kgosi Masonya o gateletse gore batsadi ba tsee boikarabelo go netefatsa gore bana ba itse ngwao gore ba gole ba na le boikarabelo, mme a tlatsa ka go re setshaba se se se nang ngwao ke mokaneng se latlhegile.

A re o tshwenngwa ke gore bana ba malatsi ano ga ba tsee ngwao tsia e bile ga ba e sisimoge, a tlatsa ka go re batsadi ba seka ba lapa pelo go ba nnela fa fatshe ka go bo ngwao e na le seabe mo go ruteng motho setho.

O gakolotse batsadi go ititaya ka thupana go netefatsa gore bana ga ba kope dingwao tsa batho ba sele mo maranyaneng ka go bo lefatshe e sa tlhole e le la maloba, tiriso ya maranyane e dira gore go nne le kamano ya go neelana kgotsa go amogana dikitso.

Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Dema Mengwe wa Maitengwe o tlhalositse fa go somarela ngwao ga batsadi go ka nna le seabe mo go reng le bone ba e tsee ka tlhoafalo.

A re ene o santse a somaretse ngwao ya segabone ya Sekalaka, gore bana ba gagwe ba ithute go le gontsi mo go ene.

Kgosi Mengwe o rotloeditse batsadi go sala ditsamaiso le dithulaganyo tsa setso morago gore ba seka ba latlha ba ba ithutang mo go bone, a re seo se tlaa dira gore ngwao e seka ya latlhegelwa ke boleng.

O kgadile a sa kgwe mathe go nna mmogo ga banana kwa ntle ga lenyalo, a re kgang ya teng ga e ke e fela ka monate mo baanelweng botlhe.

A re e re le ntswa dinako e sa tlhole e le tsa pele, batho ba seka ba iteega tsebe ba itebela ba tloga ba itirela dingwao tse di ka tlogang tsa ba sega tsebe.

Kgosi Ludo Mosojane ene o ne a akgola makgotla a Setswana go bo a tsere boikarabelo jwa go dira meletlo ya ngwao, a re ngwao ke seikokotlelo se se ka tshegetsang lefatshe go ya go ileng.

A re ene o ipela ka ngwao ya Setswana ka go bo a godisitswe Setswana  le fa a ne a golela mo toropong, selo se a reng se mo dirile mosadi wa tlhwatlhwa yo a leng ene gompieno.

Gape a re ngwao e rotloetsa bonatla e bile e babalela botshelo jwa motho ka go bo e ruta setho se e leng gore o ka fitlhela se go hemetse mo diphatseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : FRANCISTOWN

Event : Ipelelo letsatsi la ngwao

Date : 23 May 2017