Breaking News

Maphata a puso a phepafatsa motse

23 May 2017

Maphata a puso a ne a tsaya boikarabelo jwa go phephafatsa motse wa Mochudi bosheng.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moemedi go tswa mo ofising ya ga molaodi, Mme Sesha Kontle o boletse fa ba bone go le maleba go phepafatsa tikologo e ba berekelang mo go yone e le tsela ya go isa ditirelong kwa setshabng.

A re ba dira jalo morago ga gore Tautona a tle ka mogopolo wa gore kgwedi le kgwedi babereki ba puso ba nne le se ba se direlang setshaba.

O boletse gore bone ba ne ba tswa ka mogopolo wa go phepafatsa Mochudi, a supa gore ga se la ntlha ba dira jalo le ngogola ba ne ba ipopa gape ka maphata go phepafatsa.

Mme Kontle o tlhalositse gore ga se gore ba isa ditirelo kwa setshabeng ka go phepafatsa fela, a re bosheng ba ne ba nna le tiro ya go jwala ditlhare kwa Mmathubudukwane.

O boletse gape gore maikaelelo a bone ke go tswelela ba dira ditiro tsa mofuta oo, a tlhalosa fa ba sa eletse go nna badiri ba ba bonwang mo diofising fela.

O ne a leboga maphata otlhe a a nnileng le seabe mo tirong eo, a tlhalosa fa seo e le mowa wa tirisano mmogo mme a ba gwetlha go tswelela ba dira jalo. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 23 May 2017