Breaking News

Nyeletso lehuma e ntsha maduo

23 May 2017

Motswana fa a re senamphatshwana sa morwadia kgosi se bonwa bojale bo aloga, o ne a buile otlhe ngwana wa mmala wa sebilo.

Ke boammaaruri jo bo sa jelweng pheko, kana ditiro tsa motho,  boitshwaro le boleng jwa puo ya gagwe di kgona go bolela maemo a motho le se a leng sone mo setshabeng.

Ka tsela e e ntseng jaana go bo go kgona go lemotshega motlhofo fa e le motho yo motona mme fa a santse a le mmotlana go bo go ka lemotshega gore e tlaa nna motho yo o ntseng jang.

Botshelo jwa ga Mme Mpho Kobang bo netefatsa se fa o bo kanoka.
Ke mongwe wa ba ba thusitweng ke puso go simolola kgwebo ya go kgabisa mo medirong, sedirisiwa se segolo sa gagwe e le tante e a e filweng  ke puso.

E rile fa babega dikgang ba etetse Mme Kobang  kwa kgaolong ya Mochudi Bokone, a bolela fa a tsene mo kgwebong ya mofuta o ka a ne a bona e le mpho e a e filweng ke Ramasedi go tswa bonyaneng.

O boletse fa ka Tlhakole wa 2013 ba ne ba isiwa dithutong kwa Bokaa tse di tsereng beke fela tsa go ithuta go kgabisa mo meletlong ba dirisa tante.

Kgwebo ya gagwe e gatetse pele mo a setseng a na le babereki ba le bararo ba e leng banna botlhe.

A re e rile a sena go bolelelwa ke ba boipelego ka lenaneo la nyeletso lehuma,  ene le Mme Lebogang Tlhagwane ba fiwa madi le didirisiwa ke ba bopipelego go balelwa le yone tante ya selekanyo sa dimmithara tse di supang bokhutshwane le tse di lesome le borataro boleele.

Ka fa a bolelang ka teng, ba ne ba tswelela  mo sebakeng se e seng sa sepe mme ba tloga ba dumalana gore ba ikemele ka nosi.

A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka gore dinako tse dingwe go bereka le yo mongwe go busetsa kgwebo  morago.

Ka fa a bolelang ka teng ba khansele ba kgona go mo thapa a baakanyetsa diphuthego tsa puso tse di farologaneng jaaka tsa ga Tautona le mapalamente.

O kgona go lalediwa mo manyalong, diphathi, dintsho, le meletlo e e farologaneng ka kakaretso, mme a nne le dipoelo tse di nametsang pelo.

O rotloetsa ba ba mo kgwebong ya mofuta o ba ba gogang dinao go itse gore lobelo ga se lwa motloga pele, fa motho a na le maikaelelo o kgona go itoma sekgono fela le fa a kopana le dikgwetlho tse di rileng.  

Mme Kobang  ga a lebege e le motho yo o kileng ya re ka nako nngwe a itlhoboga mo seemong sepe fela se se ka kgobang marapo mo kgwebong ya gagwe, ka a boletse fa e le mo mading a gagwe mme a e dira ka lorato le bonatla.

O na le kgwetlho ya go tlhoka  moalo o mohibidu wa batlotlegi le o motala o o alwang kwa tanteng.

E re ka kgwebo ya gagwe e mo tswela mosola, o na le lenaneo la go ithekela koloi e a ka e dirisang mo tirong  le go tlhabolola ntlo ya gagwe.  

O gateletse gore mo nakong eno ba khansele ba a tle ba mo kope go tla go rutuntsha bagwebi ba ba simololang go tsenelela dithuto tsa go gweba ka tante le didirisiwa tsa yone.  

Mogwebi yo mongwe e leng Mme Poifo Pilane wa Modipane yo le ene a leng mo kgwebong ya tante, o boletse fa ene kgwebo ya gagwe e sa itumedise ka jaana a sa bone ba ba mo thapang.

O boletse fa le ene a ne a ya dithutong kwa Bokaa fa ba ne ba rutintshiwa ke ba Kelsi Catering, mme ene le yo a nang nae e leng Mmatinkani Kgathatsa ba sa kgone go bereka mmogo, selo se se digetseng kgwebo kwa tlase.

A re ba ne ba bolelela ba boipelego ka kgang ya bone mme nako kgolo ke eno ga go ise go nne le tharabololo.

A re mo nakong eno o tsweledisitse kgwebo  ka go ipapatsa.  


Le fa go ntse jalo mmaboipelego mo kgaolong ya Kgatleng Mme Sedimme Jeremiah a re ba rotloetsa Batswana go bereka ka ditlhopha ka jaana ba batla go simolola ditlhopha tsa dikoporase.

“Ga ke itse gore fa go santse go na le ba ba sa kgoneng go bereka ba le babedi, ba tlaa dira jang ka jaana we want to go big, re batla go gola,” ga rialo Jeremiah. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 23 May 2017