Breaking News

Temo ya merogo le maungo e a tlhaela

22 May 2017

Balemi ba merogo le maungo mo Botswana ba santse batlhaela go ntsha merogo e e lekaneng  go jesa lefatshe leno.

Go le ga ntsi go na le nako e maungo le merogo di tswalelwang gore di seka tsa tsena ka melelwane go fa balemi ba Batswana sebaka sa go rekisa, mme e re go ise go ye kae ba bo ba phimotse,  go bo go pateletsa puso go letlelela merogo le maungo go tsena gape.

Se se ka tswa se bakwa ke eng gore e re go lebega go na le lefatshe le Batswana ba ka le lemang go ntsha merogo le maungo lefatshe le bo le ikaegile ka bokete jwa merogo le maungo a a tswang kwa ntle?

Mo potsolotsong le mongwe wa balemi ba merogo le maungo wa Kanlee Fruit and Vegetables Farm,  Mme Keikantsemang July, wa masimo a Dikabeya, botlhaba jwa Palapye, mongwe wa bao ba ba nnileng lesego la go neelwa lefatshe le le tlhaboletsweng ke puso  ka fa tlase ga lenaneo la temo la NAMPAAD.

Mme July o tshwaraganetse temo eo le monna wa gagwe.

A re ke molemi wa dikhabeche, chomolia, spinach, green/red pepper, ditamati le maphutshe a a tlwaelesegileng go bidiwa butter nuts.

Tshimo ya gagwe e dikhilomithara di le masome mabedi botlhaba jwa motse wa Palapye.

Mme July a re o ne a lora toro ya gagwe ka 2014, mme a e diragatsa ka 2015 fa a sena go bona lefatshe mo go ba NAMPAAD. 

Seo se ne sa mo gwetlha thata go ka ipona e le molemi wa merogo le maungo ka lesego a kgona go abelwa ditema di le nne go simolola temo ya gagwe.

Ka nako eo o ne a na le ba bangwe, ba mo nakong eno ditema tse ba di abetsweng di fetogileng dikgwa, di sa dirisediwe se di se kopetsweng, seo e ka nna ya nna nngwe ya dikarabo tsa gore ke eng lefatshe le sa kgone go ntsha merogo le maungo a a lekaneng.

Mme July o ne a inaakanya le makalana a mangwe go mo thusa toro ya gagwe, mme ka Modimo o sa je nkabo a wela kwa lekalaneng la LEA kwa a neng a bulega matlho teng ka ba ne ba mo rutuntshetsa tsa temo ya merogo le maungo, tsa thekiso, tsa peo ditlhwatlhwa, tsa go dira dibuka tsa kgwebo, go itse go ipapatsa mono gae le kwa ntle ga lefatshe leno le gone go itse go dira ditswa temong tsa gagwe ka sekale sa boleng jo bo tshwanetseng.

A seka a felela foo, a inaakanya gape le ba mmadikole wa  temo-thuo le ditsatholego ebong (BUAN) ba ba neng ba mo rutuntsha mo go tsa tiriso melemo le dichefi tsa diji.

A re seo se ne sa mo thusa sa bo sa mo gwetlha go nna le kgatlhego e e tseneletseng ka se a neng a ikaelela go se simolola.

A re o ne a kopana gape le bagwebi ba batona ba ba sa bolong go dira tiro eo mme ba nna le sebaka sa go buisana le ene ka tse dintle le tse di maswe ka temo ya merogo le maungo.

Morago Mme July a re o ne a etela CEDA go ya go kopa madi go simolodisa kgwebo ya gagwe mme ba mo atla, a kgona go thusiwa ka P405 000,  a beelwa sebaka sa dingwaga tse tlhano ka morokotso o ba o dumalaneng le ba CEDA gore a bo a weditse  go busa madi ao.

O ne a supa fa temo ya khabeche e kgona go ntsha ditone di le masome a mararo le bosupa go ya kwa go tse di masome a mane mo temeng.

O supa fa nako e nngwe diemo tsa loapi di ba baya ka fa mosing, segolo jang ka temo ya bone e le e e lengwang  e sa sirelediwa ka matlowa, go fema dipula le dirame.

Gore ba tsere kae malebela o ne a supa fa ba ne ba isiwa kwa Glen Valley go ya go ithuta ka tsa temo ya merogo le maungo, pharologanyo ya nna gore kwa Glen Valley ba dirisa matlowa ke sone se ba kgonang go lema ngwaga go ya ngwageng.   

A re mathata a bone ke gore ba tlamega go isetsa bareki ditswa temong kwa marekisetsong a bone jaaka bo Choppies, Spar, madirelo a mabotlana, dikole le batho ka bongwe ka bongwe.

O tlhalosa fa ba rekisetsa mabentlele ao mo Palapye le kwa mafelong a mangwe jaaka Mahalapye le Serowe.

A re fa ba mabentlele a matona ba ne ba itseela merogo le maungo fela jaaka ba kgona go e latela kwa ntle, ditshenyegelo di kabo di le botoka.

E ne ya re go bona temo e gola ba kopa go okelediwa ka tema gore di nne tlhano, fa ba dirisa diterekere tsa puso go lema le gone go pitikolola mmu go ipaakanyatsa temo morago ga thobo, mme ba duela P400.

Terekere eo e tla le mokgweetsi wa yone yo o thapilweng ke puso.  Ba ne gape ba supa fa ba duelela tiriso ya lefatshe  P2 500 ka kgwedi.

Fa ba tlhalosa ka ditshenyegelo, Mme July o ne a re ba dirisa P25 000 go ya kwa go  P33 000 ka kgwedi mo go tsa temo ka kakaretso, di akaretsa tuelo tsa bodiredi, lookwane, dikoloi le gone go duela puso tota.

Mme July o ne a wetsa ka go re fa ba robile sentle ba sa kgorelediwa ke diji, le dibetso tsa tlholego  temo ke sengwe sa dilo tse di mosola fela thata e kgona go dira sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : DIKABEYA

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2017