Batswana ba kopiwa go lema mabele
21 Jun 2013
Batswana ba kopilwe go lema mabele ka a kgona go itshwarelela mo leubeng gona le mmidi.
Se se boletswe ke mothusa mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Rre Boweditswe Masilo mo ditshupong tsa go lemotsha Bakgatla ka mosola wa temo ya nosetso. Rre Masilo o boletse fa Batswana ba tlwaetse go lema mmidi ba sa leme mabele ntswa le one a jewa fela jaaka mmidi ebile ditlhwathwa tsa mabele dile kwa godimo fela jaaka mmidi.
A re Batswana ba tshwanetse go lema temo ya nosetso jaaka merogo, losene le dinawa mme ba lemela go rekisetsa madirelo a matona le go rekisetsa Batswana ba bangwe ba ba sa lemeng. O boletse fa go dira ditshupo e ne e le go lemotsha batho ka temo ya nosetso le go tsaya malebela mo go bone go tlhabolola temo ka kakaretso.
Rre Masilo o boletse fa gona le mananeo a a farologaneng a banana ba ka a dirisang jaaka go rua dikgomo tsa mashi,dinotshi, dikgomo tsa nama dikoko le dipodi, kana ba ikopanya gore mmuso o ba epele sediba le go nna le tshimo e tona ba lema mo go yone.
Mokhanselara wa Malolwane /Ramonaka Rre Stephen Makhura ene o ne a re metsi a noka ya Madikwe a ija fela a sa dirisiwe ke Batswana ba ba gaufi le noka e ntswa ba ba bapileng le bone ba Afrika Borwa bone ba dirisa metsi a noka e go lema . Are go pala eng gore mmuso o goge metsi a ba tle ba kgone ba leme masimo mo thoko ga noka gore le bone ba jese Batswana.
E ne yare a amogela baeng, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Micheal Balebetse a ikuela mo sechabeng go tlhokomela leruo la bone. O ne gape a kopa banni ba metse ya noka go tlogela go latlhela matlakala gongwe le gongwe ka e le go leswafatsa tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Georginah Morakanyane
Location : Mochudi
Event : Ditshupo tsa temo ya nosetso
Date : 21 Jun 2013






