Ditlhopha di itlama go godisa bodiragatsi
22 May 2017
Setlhopha sa bodiragatsi sa Peo Creations and Performing Arts gammogo le sa Finger Prints Performing Arts di itlama go godisa bodiragatsi ka go dira maitiso a go ipelafatsa ka ditalente tsa bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, morulaganyi wa maitiso ao e bile e le moeteledipele wa setlhopha sa Finger Prints, Mme Dimakatso Ntheetsang a re e le ditlhopha tsa bodiragatsi ba lebanwe thata ke kgwetlho ya letlhoko la madi mme ba ile ba bona go le maleba go ikopanya gore ba ikgobokanyetse madi gammogo le go isa bodiragatsi kwa setshabeng.
Mme Ntheetsang a re nako e ntsi ba ikaegile thata ka dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa ga Tautona mme morago ga dikgaisanyo tseo ba sala ba iphotlhere ba sa dire sepe, mme seo se ba tsenye mowa wa botshwakga le go thubega ga ditlhopha.
Ka jalo a re ba itlamile go isa bodiragatsi kwa setshabeng e le ntlha nngwe ya go ruta setshaba ka dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng, tiriso botlhaswa ya ditagi gammogo le dikgwetlho tse di lebanyeng banyalani le gore ba ka fenya dikgwetlho tseo jang.
Fa a tlhalosa ka setshwantsho sa bodiragatsi, setlhopha sa gagwe se se neng se diragatsa mo seraleng, Mme Ntheetsang a re ba ne ba diragatsa motshameko o o supang dikgwetlho tse bana ba masiela ba kopanang le tsone le gore di ba ama jang.
A re mo motshamekong wa bone ba ne ba supa ka fa ngwana yo o tlhokafaletsweng ke batsadi, a tshwerwe jaaka galase ke nkukuagwe ka a ne a tshaba go mmolelela gore batsadi ba gagwe ba bolailwe ke eng ka mmaagwe ngwana yoo a ne a bolailwe ke bolwetse jwa segajaja jwa AIDS fa rraagwe ene a ile a ikgapela botshelo morago ga go bona kutlobotlhoko e a e tsisitseng mo lelwapeng.
A re ka motshameko oo, ba ne ba leka go ruta setshaba gore ba tshwanetse ba tshwara bana ba masiela jang ga mmogo le go ba rotloetsa go ikgapha mo ditseleng tse di ka dirang gore motho a tsenwe ke mogare gammogo le go rotloetsa banyalani gore ntwa kgolo ke ya molomo.
A re gape ba ne ba leka go ruta setshaba gore fa ba tshela mmogo mo lwapeng ba tshwanetse ba nna le mowa wa go itshwarelana gore ba tle ba kgone go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo mme ba kgone go di fenya ka bojammogo.
Morulaganyi yo mongwe e bile e le moeteledipele wa setlhopha sa Peo Creations, Rre Mompati Molelowakgotla a re maikaelelo a bone ke go godisa bodiragatsi ka go bontsha Batswana gore jaaka go na le maitiso a a farologanyeng a a tshwanang le a mmino le kopelo bone ba na le bokgoni jwa go isa talante ya bone kwa setshabeng ka bodiragatsi jwa motshameko.
Rre Molelowakgotla a re ntswa maitiso a bone a ne a atlega ba ne ba kopana le dikgwetlho jaaka letlhoko la madi a dipaakanyetso maitiso ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 22 May 2017






