Breaking News

Kgosi Masisi o itumelela dikotsekara

22 May 2017

Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa o lebogile go menagane thuso ya dikotsekara tse tharo go tswa kwa go Tautona Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama.

Dikotsekara tseo di tlaa dirisiwa  go tsaya baithuti ba sekole se sebotlana go tswa kwa mafelong a a mo tikologong ya motse wa gagwe.

O ntshitse tebogo eo fa a ne a buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng mme o tlhalositse fa thuso e ya dikotsekara, e tsile jaana morago ga gore morafe wa gagwe o ipobole mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Tautona.

Morafe o ne o supile gore go na le baithuti ba ba tsenang sekole ba tswa kwa mafelong a a kgakala le Mabesekwa jaaka Lekobeng, Lekoswe, Lebethu gammogo le Mahelekwano.

Kgosi o supile fa mafelo a e le meraka kgotsa masimo mme e bile a le sekgala sa dikhilomithara di ka nna lesome le bosupa go tswa mo motseng.

O tlhalositse fa seo se ne se ba tshwentse ka jaana matshelo a bana ba go nna jalo a ne a le mo diphatseng mme e bile selo seo se rotloetsa kwelo tlase ya maduo kwa sekoleng.

“Baithuti ba go nna jalo ba ne ba sokola go tsena sekole sentle mme e bile seo se le borai ka go ne go baya thuto ya bone ka fa mosing le ntswa thuto e le yone bokamoso jwa bone.” O ne a bua jalo.

Ke gone ka moo a leboga Tautona le tshwaragano ya ba khansele-potlana ya Tonota go bo ba lemogile go le maleba go tsibogela matshwenyego a bana ba ka tsela e e ntseng jalo.

A re o na le tsholofelo e ntsi gore thuso e e tlaa tswela baithuti ba mosola segolo bogolo mo pakeng eno ya mariga.

O tlhalositse fa ba ne ba kopile thuso ya dikotsekara tse nne, mme gone jaana ba setse ba abetswe tse tharo mme ba solofeditswe gore kotsekara ya bone e tlaa goroga.

E re dikgang di eme jalo, Kgosi Masisi o bile a kgothatsa botlhe ba ba rwalang boikarabelo jwa go tsaya baithuti ba phakela go ya sekoleng le maitseboa fa sekole se tswa, go eteletsa boikarabelo jo bo kwa godimo mo ipabalelong ya matshelo a bana.

A re gape ba ititee ka thupana go tshwara nako ya sekole e seng gore dinako tse dingwe ba tlhokege go dira tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatseletse Ongadile

Location : MABESEKWA

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2017