Sekole sa Malaka se ipelela phenyo
22 May 2017
Sekole se sebotlana sa Malaka kwa kgaolong ya Tswapong se ne sa ipelela phenyo mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa tsa ngwaga o o fetileng.
Sekole se se tsere maemo a bobedi mo kgaolong ya Palapye ka 95 per cent mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa.
Mogolwane mo lephateng la ditsela le pabalesego, Rre Bokhutlo Modukanele o roletse bana ba sekole seo ba ba neng ba pasa lekwalo la bosupa ngogola hutshe ka Labotlhano.
A re se se supa tshwaragano fa gare ga batsadi ba Malaka le barutabana, a kgothatsa bobedi joo go tswelela ba bereka ka tshwaragano.
A re o itemogetse maduo a mantle a sekole seo mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, a re fa ba ka tswelela ka mowa wa tshwaragano sekole seo se tlaa tswelela ka go tlotlomatsa Malaka le go tsisa ditlhabololo.
A re Malaka o ka tlhabololwa ke bana ba motse oo, a tlhalosa fa motse oo o kgonne go ntsha barutegi ba ba romilweng ke puso mo makalaneng a a farologaneng.
A re se e tshwanetse go nna thotloetso mo baneng ba Malaka gore le bone ba tsoge ba nna babereki ba tlhwatlhwa.
A re Malaka o santse a tlhoka dingaka, babueledi, le ba maranyane, a tlhalosa fa se se ka kgonagala fela fa bana ba sekole sa Malaka ba ka tsaya thuto ka tlhoafalo.
O kgothaditse batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana, a re fa bana ba fiwa thotloetso ba tlhoafalela go ithuta.
A re batsadi bangwe ga ba tsee boikarabelo jwa go bona gore bana ba tsena sekole sentle, a re bangwe ba tlogela bana ba tlogela sekole ba santse ba le bannye.
A re ngwana o nna se motsadi a eletsang gore a nne sone, a tlhalosa fa tiro ya barutabana e le go rotloetsa maikaelelo a batsadi.
A re malatsi ano bana ba tswa mo tseleng, a tlhalosa fa bangwe ba tsisa dilo tse di bogale kwa sekoleng go lwantsha ba bangwe.
O kopile batsadi go kgalema bana gore ba tsamae mo ditseleng tse di siameng tse di elediwang ke setshaba.
O akgotse barutabana ba sekole seo ka go ntsha maduo a mantle, a re ba tswelele ka go dira ka bonatla gore ba dire go feta fa.
A re morutabana o dira tiro e e bokete ka gore ke ene a simololang le motho a santse a le monnye mme a bope motho gore e tsoge e nna motho yo o botlhokwa mo setshabeng.
O lebogile puso go simolodisa lenaneo la thuto ya matlhagolelo e ka yone bana ba simololang sekole ba santse ba le bannye gore ba tsene mo lokwalong lwa ntlha ba fatlhogile.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolwaneng ya Palapye, Mme Susan Thitoyamore o lebogile mokwaledi mogolo wa ga Tautona Rre Carter Morupisi le ba lelwapa lwa gagwe go nna le seabe mo go rotloetseng thuto mo sekoleng sa Malaka.
O roletse boora Morupisi hutshe ka go rotloetsa sekole sa Malaka ka lenaneo la itseele sekole, a re fa e sale ba itseela sekole sa Malaka maduo a sekole seo a ile kwa godimo.
O lebogile boeteledipele jwa sekole sa Malaka a re ba emetse sekole seo ka dinao, a re boeteledipele bo tshwanetse go itse gore go diragala eng mo matlong a borutelo.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Ipelegeng Paseka o lebogetse thotloetso e a e fiwang ke barutabana, boora Morupisi le ba lephata la thuto.
A re o dira tse tsotlhe go thusa sekole sa gagwe gore se ntshe maduo a a kwa godimo, a re o tsaya nako ya gagwe phakela le phakela a ruta bana ba lokwalo la bosupa go kwala dipolelo le makwalo e le go ba thusa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Ipelelo phenyo
Date : 22 May 2017






