Breaking News

Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa dintsho

22 May 2017

Mapodisi a Good Hope a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng borre ba le babedi ba tlhokafetse, mme mongwe wa baswi o tlholega kwa Aferika Borwa.

Ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa o tlhalositse mo potsolotsong gore monna wa dingwaga tse di masome mararo yo o tlholegang kwa Aferika Borwa a fitlhetswe a rapaletse fa fatshe kwa motseng wa Malokaganyane.

Go ya ka ramapodisi go bolelwa fa rre yo a ne a sa tsoga, mme a ne a tsile go ithuta bongaka jwa setso.

Ramapodisi o tlhalositse fa rre yo mongwe wa mo gae yo o digwaga tse di masome mararo le bosupa, le ene a fitlhetswe a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo Good Hope.

Go ya ka ramapodisi, go supa fa baagisanyi ba ne ba belaela ka go supa fa koloi ya gagwe e le teng, mme go setse go le sebaka a sa tswe mo ntlong.

Ka go nna le dipelaelo ba ne ba itsise mapodisi mme ba thuba letlhabaphefo mme ba mo fitlhela go belaesega a ole.

Mapodisi ba ne ba mo isa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba supa fa a sa bolo go tlhokafala.

Ditiragalo tse tsotlhe di diragetse mafelong a beke.

Ramapodisi o kopile setshaba, bogolo jang ba ba nang le baeng ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe go ba bega kwa kgosing go tila mathata a mantsi.

O supile gape gore go borai gore fa motho a lwala e le motswakwa a ete, ka jalo o gakolola setshaba gore ba ne ba emela batho gore ba fole pele.

O tlhalositse gape gore fa batho ba sa ikutlwe sentle go botlhokwa gore ba itsise baagisanyi gore ba tle ba bone thuso ka potlako.

Mo go tse dingwe o tlhalositse fa go nnile le kotsi e e supang fa dikoloi tse pedi di thulanye mme tsa golafatsa bana ka nngwe ya dikoloi e ne e pegile lolwapa, go supa fa e le baAferika Borwa.  

O supile fa bana ba ba dingwaga tse di lesome le bongwe le borobabobedi ba robaditswe kwa kokelong ya Bokamoso ka ba bone dikgobalo mo tlhogong le mo mafatlheng.

O tlhalositse fa go supa fa mokgweetsi yo mongwe wa rre, a ne a se na teseletso ya go kgweetsa, mme yo o thulanyeng le ene a belaelwa fa a ne a sa kgweetse ka kelotlhoko.

O kopile setshaba go fokotsa lebelo le go kgweetsa ba na le diteseletso.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa bana ba palame koloi e e butsweng kwa morago ba nne le mogolo yo o tlaa tsamayang a ba tlhokometse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOOD HOPE

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2017