Ba Shashe Bridge ba a iphataphatela
22 May 2017
Banana ba Shashe Bridge mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tshwaragane le komiti ya ditlhabololo tsa motse go tsosolosa lefelo le mokgatlho wa banana ba motse.
Fa a bua mo potsolotsong, mothusa modulasetilo wa khuduthamaga ya banana ba motse oo, Rre Otsogile Tsogang, o tlhalositse fa tsosoloso ya mokgatlho oo wa Shashe Bridge Youth Group, o o nang le dingwaga o ntse o phutlhame, e tla jaana morago ga gore ba itemogele fa lefelo leo jaanong le fetogile letlotla.
Gape ba dira tsosoloso go fetola matshelo a bone.
O ne a tlhalosa fa go leseletsa lefelo leo e nna letlotla go ka feletsa go ba baketse mathata ka jaana go na le kgonagalo ya gore letlotla le ntse jalo, e nne boremelelo jwa dirukutlhi le ditiro dipe fela tse di sa eletsegeng.
A re gape ba itemogetse fa banana ka bontsi mo motseng ba sa rotloetsege go tsena mo dikgwebong kgotsa go inaakanya le mananeo a a puso go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Tsogang o tlhalositse fa se se amile itsholelo ya bone mo go ngomolang pelo mme a re mo nakong ya fa mokgatlho o o tshela, ba ne ba nna le bokopano e le banana mme ba buisane ka fa ba ka dirang gore matshelo a bone a tlhabologe ka teng ka ba ne ba arogana maele le dikitso tse di maleba.
“Re le banana ba Shashe Bridge, re bone go tshwanela gore re eme ka dinao go itepatepanya le diemo tsa banana ka kakaretso mo motseng wa rona, mme re ne ra dumalana ka bongwefela jwa pelo go tsosolosa mokgatlho wa banana o ka one re ikaelelang gore re nne re kopana go abalana dikitso tsa go itirela mo botshelong,” a tlhalosa jalo Rre Tsogang.
O ne a tlatsa ka go re go dira jalo e tlaa bo e le nngwe tsela ya go leka go tsenya mowa wa boipelego mo bananeng.
A re lefatshe leno le amilwe bobe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro le le amang banana segolo bogolo, mme ga se tshwanelo go dirisa se e le seipato go tswelela mo botshelong ka go le methale e mentsi e ba ka e latelang go itshetsa.
Rre Tsogang o supile fa mogopolo o wa go tsosolosa mokgatlho o kgatlhegetswe ke banana ba Shashe Bridge ba feta lekgolo.
A re bangwe ke ba ba fatlhogileng mo dithutegong ka go farologana kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro, mme seo se tlaa ba thusa go amogana dikitso tse di farologaneng ka bo bone gore kgabagare ba di tsenye mo tirisong go itirela bokamoso.
Rre Tsogang o tlhalosa fa ba tlaa bo ba nna ba laletsa makalana a a farologaneng a akaretsa CEDA, LEA gammogo le ba lephata la tlhabololo matshelo a banana le ngwao.
O bile a ikuela mo bananeng ba motse go goga ka jokwe e le nngwe gore maikaelelo le maikemisetso a bone a tle a atlege.
“Re ka kgona go atlega mo maikaelelong a a rona fela fa re ka bereka re le seopo sengwe re le banana gammogo le boeteledipele, re nna le therisano le tshwaragano ya motia,” a tlhagisa jalo, a supa fa a na le tshepho gore banana ba Shashe Bridge ga ba na go mo swabisa.
Le fa go ntse jalo, mothusa modulasetilo o boletse fa go na le banana ba ba sa kgatlhegelang go tsenya letsogo mo mogopolong o, mme fela a re seo ga se kitla ka gope se ba kgoba marapo go tswelela pele mo maitlamong a bone.
E ne ya re fa a iteela kobo moroko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Paul Kgaje a rurifatsa tshwaragano ya bone le banana ba motse go tsosolosa mokgatlho.
A re o atlile mogopolo o ka jaana a dumela gore o tsile go thusa go rothisetsa lesedi la botshelo mo bananeng mme seo se ba thuse go tswa mo mekgwatheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SHASHE BRIDGE
Event : Potsolotso
Date : 22 May 2017






