Ba kopiwa go dirisa komiti ya botsogo
21 May 2017
Banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba kopiwa go nna ba ikgolaganya le komiti ya bogakolodi jwa tsa botsogo fa ba na le matshwanyego mabapi le tsa botsogo.
Mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti eo kwa kokelong ya Sefhare, Rre Tshupo Noge, a re komiti ya bone ga e kgotsofalele ka fa morafe o e dirisang ka teng le ntswa bontsi jwa batho bo na le matshwenyego.
Rre Noge a re komiti ya bone e ka fa molaong e bile maloko a rutuntshitswe go ka rarabolola bontsi jwa dikgwetlho tse morafe o kopanang le tsone mo dikokelong kgotsa mo dikokelwaneng.
Ka jalo a re morafe o seka wa nyatsa sepe, a tlatsa ka go re o maswabi ka gore le fa ba bitsa diphuthego mo dikgotleng ka maikaelelo a go tla go tlhalosetsa morafe ka fa komiti e berekang ka teng, batho ga ba tle.
Rre Noge o tlhalositse fa kokelo ya Sefhare e le yone e tona mo kgaolong, ka jalo e amogela balwetse botlhe go tswa kwa dikokelwaneng tsa metse e e mabapi.
O ne a supa fa motse mongwe le mongwe o na le kemedi mo komiting eo, a bo a rotloetsa morafe gore o netefase gore o itse moemedi wa bone le go itsalanya nae.
A re botsogo ke selo se se tlang pele mo mothong, ka jalo go botlhokwa go tsibogela matshwenyego a botsogo ka nako.
A re go sa ntse go na le batho ba ba kgonang go tshaba go tsena mo diofising tsa maphata a botsogo go ya go botsa ka sepe fela se se amang botsogo le fa motho a tlhoka kitso ka bofefo mme a re batho ba go nna jalo ba ka bona thuso mo komiting ya bogakolodi.
Rre Noge o ne a kopa tirisano mmogo e e tseneletseng mo morafeng.
A re tshwaragano ya komiti le morafe e ka lere maduo a a botoka mo botsogong jwa mongwe le mongwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : Potsolotso
Date : 21 May 2017






