Phatsimo o itshetsa ka borotho
18 May 2017
E re le fa kapei ya borotho e dirwa ke bontsi, Mme Phatsimo Marata, yo o dingwaga di masome marataro le bobedi wa kgotlana ya Matabi kwa kgaolong ya Mmadinare, o supile fa kgwebo ya borotho e mo ntshitse mo lehumeng.
Mme Marata, yo o tumileng ka kapei ya borotho, a re o ne a bona gore fa a ka thuba kobo segole a seka a inaakanya le kgwebo e, o tlaa jela mo lesweng.
A re o ne a gwetlhwa ke bothakga jwa gagwe mo kapeing ya borotho fa a santse a le monana, e re fa apeile batsadi ba mo akgole.
Mo potsolotsong le BOPA, Mme Marata a tlhalositse fa kgwebo ya gagwe a e direla mo mo lapeng.
A re o kopiwa ke ba dikgwebo-potlana jaaka dimausu gore a ba apeele borotho, mme ba mo duela ka kgwedi.
O tlhalositse fa a na le barotloetsi ba madirelo a borotho ba ba kgonang gore ba mo kope go ba apeela borotho mme se se tsholetse kgwebo ya gagwe.
Mme Marata a re o gatetse pele ka e ne ya re ka 2015 a thapa basetsana ba le babedi go mo thusa go apaya ka kgwebo e ne e supa kgolo, mme e bile a se na bothata jwa go ba duela fa kgwedi e fela.
A re o itumelela gore mo nakong ya gompieno ke mogwebi yo o ka fa molaong ka o setse a na le setlankana mme e bile a na le mogopolo wa go kopa madi kwa go ba Gender Affairs go ikagela bakery.
Mme Marata a re le fa kgwebo e e mo tsosa makuku, dipoelo tsone di teng.
A re e ne ya re ngwaga wa 2013 o ya fifinga, a ntsha madi mo letloleng la dipoelo tsa gagwe go ikagela ntlo ya dikamore tse thataro.
“Setlogelwa tsatsing se ikisa meriting.
Nna ga ke ise ke tsene ka kgoro ya sekole, mme mo nakong ya gompieno ke ikagetse fa nka robalang teng le bongwanake, mme e bile nka se lale tlala,” ga tlhalosa Mme Marata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshelo Nokaneng
Location : MMADINARE
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2017






