Breaking News

Kgosi Sediegeng o abetse ba sesole kgomo

18 May 2017

Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re ke tshwanelo ya Batswana go akgola masole a pele a lefatshe leno ka jaana ba dirile go menagane go sireletsa Batswana le lefatshe la bone.

Kgosi Kgamane o buile jalo fa a ne a abela mokgatlho wa masole a a tlogetseng tiro ka bogodi mpho ya kgomo e e lopileng dikete tse tlhano tsa dipula kwa Mahalapye bosheng.

A re e re ka lefatshe leno le ne le ipelela dingwaga tse di masome mane sesole sa Botswana se ntse se le teng, o bone go le maleba go abela masole ao kgomo e le tsela nngwe ya go ba galaletsa le go ba rotloetsa mo mokgatlhong wa bone o o simolotsweng ka 2008.

Kgosi Kgamane a re le ntswa sesole sa Botswana se tlhamilwe ka 1977 e bile se tlhaelelwa ke didirisiwa, se kgonne go itsetsepela mo go sireletseng Batswana le lefatshe la bone kgatlhanong le dirukutlhi tse di neng di ikemiseditse go tshosetsa matshelo a Batswana.

E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa mokgatlho, Lt Col Tsoebebe Mokhosa a bolela fa mokgatlho oo o simolotswe ka 2008 ka mogopolo o o neng o tswa mo go Lt Gen. Tebogo Masire yo e neng e le moeteledipele wa sesole sa Botswana ka nako eo.

Lt Col Mokhosa o boletse fa maikaelelo a mokgatlho oo e le go tlhotlheletsa mowa wa popagano le tirisano mmogo fa gare ga masole a a tlogetseng tiro ka bogodi le ba ba santseng ba tsweletse le tiro ya sesole ka go abelana maele.

A re le fa mongwe le mongwe yo e leng leloko la mokgatlho a na le tshwanelo ya go inaakanya le lekgamu lengwe la sepolotiki, gone ga ba letlelele sepolotiki mo mokgatlhong oo ka jaana se se ka kgaoganya maloko.

A re e le maloko ba dumalane go ntshetsa mokgatlho madi kgwedi le kgwedi a a tlaa dirisiwang go tsamaisa ditiro tsa mokgatlho le go thusana mo diphitlhong.

E rile Brigadier Olekanye Mabengane a leboga, a akgolela Kgosi Kgamane go nna kgosi wa ntlha mo Botswana go bona go le matshwanedi go akgolela masole a pele tiro e ntle e ba e diretseng Batswana.

Brigadier Mabengane o boletse fa se se dirilweng ke Kgosi Kgamane e le go supa lorato le thotloetso mo lekgotleng la bone e bile a bolela fa maikaelelo a bone e le go tswelela ka go ema masole a a mo tirong nokeng. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 18 May 2017