Monana o ikgapetse botshelo
18 May 2017
Motshwarelela Mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo a re batho ba tshwanetse ba kopa bogakolodi mo go ba ba lebaneng fa ba na le mathata, go na le go ikgapela botshelo.
Asst Supt Tebogo o ne a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga gore lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bosupa la Masunga kwa kgotleng yoo Moloi, le fitlhetsweng le akgega mo dikagong tsa madirelo a gagwe kgwedi eno e le lesome le bone ka nako ya bone maitseboa.
A re moswi o ne a nna le tlhoka kutlwisano le mokapelo wa gagwe, mme ya re fa mokapelo a siela kwa mapodising go kopa thuso, ene a bo a itotlelela mo madirelong a dira tiro e e masisi eo.
O boletse fa moswi a sa tlogela molaetsa ope, a re fela ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse mme o supa gore tiragalo eo ke ya bobedi go diragala mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone e sale ngwaga ono o simologa.
Mo go tse dingwe, mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone go neng ga utswiwa koloi ya mme mongwe ya Honda Fit kwa Masunga mo bosigong jwa kgwedi eno e le lesome le borataro.
Asst Supt Tebogo a re ba ne ba begelwa ka tiragalo eo mo mosong morago ga gore mong wa koloi a fitlhele naga e le tshetlha, fa a tsoga mo mosong.
A re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa yone, ga supagala e lebile ntlheng ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe.
Asst Supt Tebogo o ne a ikuela mo go beng ba dikoloi go leka bojotlhe go di tsenya didirisiwa tse di ka ba tlhagisang fa go diragala tiragalo nngwe kgotsa tsa tshosa magodu.
O ne a bo a kopa batho go nna ba begela mapodisi ka metsamao ya ba ba ba belaelang mo tikologong ya bone, a tlhalosa fa mofuta wa tiragalo e, e le wa bobedi go diragala mo ngwageng ono, mo kgaolong ya bone ya sepodisi mme ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse mabapi le ditiragalo tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2017






