Breaking News

Melawana ya phiro ga e obamelwe - Kwerepe

18 May 2017

Mothusa tona mo lephateng la ofisi ya ga Tautona, Rre Thato Kwerepe e bile e le mopalamente wa Ngami a re puso e lemogile fa badirelapuso bangwe ba sa sale morago melawana ya bone ya phiro.
Mothusa tona Kwerepe o buile jalo fa a buisa badirelapuso ba kgaolo-potlana ya Charleshill ka Mosupologo.

A re go botlhokwa gore badirelapuso ka dinako tsotlhe ba sale melawana ya bone ya phiro morago.

Rre Kwerepe a re badirelapuso ba itse gore ga ba a tshwanela go itshupa gore ke ba diphathi dife.

A re go sala morago diphathi tsa sepolotiki go dira gore ba seka ba thusa Batswana ka manontlhotlho le go isa mananeo a puso kwa Batswaneng.

Mothusa tona a re bontsi jwa Batswana ga bo akole dithuso tsa mananeo a puso ka gore badirelapuso ba ba tshwanetseng go isa mananeo kwa bathong ke bone ba ba reng ga a na mosola ntateng ya sepolotiki se ba leng mo go sone.

Mothusa tona o kopile badirelapuso go tswa mo sepolotiking ba thuse Batswana ka mananeo a puso gore ba kgone go itshetsa ka one.

Rre Kwerepe a re le fa didirisiwa di tlhaela ba tshwanetse go leka ka bojotlhe gore Batswana ba bone ditlamelo jaaka go tswanetse.

A re o lemogile fa bangwe ba badirelapuso ba sa bereke ba ipata ka tlhaelo ya didirisiwa.

E rile badirelapuso ba akgela ba kopa mothusa tona go sekaseka gape dituelo tsa RASA, ba supa fa kgaolo ya bone e le kgakala le dibanka le mabentlele a matona.

Ba re bone pele ba ne ba itse fa RASA e ne e duelelwa badirelapuso ba ba kgakala  le ditlamelo jaanong ba ipotsa gore puso e ne ya emisa go duela RASA fa go rileng.

Ba ne ba kopa gape gore dikamogelo tsa A3 di emisiwe ka gore ga di na mosola go lebeletswe go tura ga mabentlele.

Ba ne ba ntsha sekai ka lefatshe la Namibia le la Afirika Borwa ba re dituelo tsa bone di kwa godimo fa di tshwantshiwa le tsa badirelapuso ba otswana.

Ba ne gape ba ngongorega  ka gore bangwe ba nna dingwagangwaga mo lefelong le lengwe fela mme moo go rotloetsa boitseme.

Badirelapuso ba ne ba lela gape ka go nna sebaka se se leele ba sa tlhatlosiwe maemo.

Ba supa fa golo moo go kgoba marapo mme e bile go na  le seabe mo kwelong tlase ya maduo mo tirong.

Ba ne gape ba ngongorega ka tlhaelo ya boroko, dikoloi le diofisi, ba kopa puso gore e bone gore e ka rarabolola jang mathata ao.

Ba kopile tona gore fa ba isa badirelapuso ba dituelo tse di kwa tlase ba ba sekaseke pele ka gore batho bao ga ba na go kgona go berekela kwa toropong go lebeletswe dituelo tsa bone.

Ba ne ba kopa gape gore banyalani ba isiwe kwa kgaolong e le nngwe go na le go isiwa kwa dikgaolong tse di farologaneng.

Ba supa fa bontsi jwa banyalani ba tlhoka kutlwisisano ntateng ya go bereka ba katologane.

E rile mothusa tona a araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa puso e sa gane go kopana le makgotla a babereki.

A re makgotla ao a tshwanetse go bolelela balatedi ba one nnete ya gore ke eng fa ba sa kopane le mhiri.

A re  go na le fa ba sa dumalaneng teng le mhiri mme mo tsamaong ya letsatsi ba tshwanetse go dumalana gore babereki ba bone dikatso.

Rre Kwerepe a re puso e santse e le mo kwelo tlaseng ya itsholelo mme e tlaa leka ka bojotlhe go bona gore seemo se a tokafala.

Mothusa tona o kopile baeteledipele gore fa ba ntsha  badirelapuso ba dikamogelo tse di kwatlase ba ba sekaseke pele e bile go nne le dipuisano tse di tseneletseng.

O kopile badirelapuso go tlogela tshenyetso Sechaba.

Rre Kwerepe a re kgang ya gore ba kgethisiwa lekgetho le lentsi mo dituelong tsa bone o tlaa ya go bona ba ba maleba ka yone.

A re barutabana ba tshwanetse  go tswa ditoropong ba tsisiwa mo dikgaolong le bone ba dikgaolo ba ye go berekela kwa ditoropong le bone ba ithute botshelo jwa setoropo.   

E rile mookamedi mo lephateng la tsa phiro (DPSM), Rre Victor Manyanda a araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa go tlhatlosiwa maemo go dirwa kwa maphateng, go lebeletswe maduo a motho mo tirong le dithutego.

O ne a kopa badirelapuso ba ba kwa tlase gore ba ikoketse dithutego gore ba kgone go tlhatlosiwa maemo.

Rre Manyanda a re dikamogelo tsa A3 le fa di ka ntshiwa  go tshwana fela ba kope puso go oketsa dituelo, ke gone fela mo go tlaa ba solegelang molemo.

A re go fudusiwa ga badirelapuso go tsaya dingwaga ka gore bangwe fa ba fudusiwa ba a gana ba bo ba ntshe le mekwalo ya dingaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Puisano

Date : 18 May 2017