Breaking News

Banka ya FNB e abela dikole ditlhako

18 May 2017

Mookamedi wa banka ya FNB mo Ghanzi, Rre Lekono Koketso a re bagwebi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go thusa bana go na le gore sengwe le sengwe se bewe mo maruding a batsadi.

Rre Koketso o ntshitse mafoko ao fa a ne a abela bana ba sekole sa Kacage ditlhako bosheng, a re maikaelelo a lekgotla leo ke go thusa ba ba dikobo dikhutshwane le bana ba masiela.

A re lekgotla leo le tshwaraganye le setshaba go tlhomamisa gore bana ba golela ka fa tlase ga tlhokomelo e e siameng le gore e nna banana ba ba nang le boikarabelo.

Mookamedi yoo o ne a tlhalosa gape fa botsogo le tshireletsego ya bana  e le  ya maemo a ntlha mo lekgotleng leo.

A re ngwaga le ngwaga  banka eo e ntshetsa  lekgotla leo  bongwe mo lekgolong la dipoelo tsa yone.

Rre Koketso a re lekgotla leo la FNB ke lengwe la a matona mo go thuseng Batswana.

A re fa e sale lekgotla leo le tlhangwa ka ngwaga wa 2001 le setse le ntshitse dithuso ka go farologana tsa madi a a fetang P40million.

A re seo se supa fa lekgotla leo le godile.

A re ka 2015 ba ne ba simolola go thusa bana ba abela bana ba dikole ditlhako ngwaga le ngwaga.

Rre Koketso a re paka eno ga twe mariga a ya go nna bogale, ka jalo ba ya go abela dikole tse di kgakala le ditlamelo ditlhako di le 3 138.

A re lenaneo leo le ya go thusa dikole di le lesome le boferabobedi mo dikgaolong  di fera bobedi go balelwa le kgaolo ya Ghanzi.

A re bana ba dikole tseo botlhe ba tlaa bona ditlhako.

Banka e setse e abetse sekole sa New Kanagas ditlhako di le 257 fa kwa sekoleng sa Kacgae ba abile 250.

E rile mogokgo wa Kacgae, Mme Kebahelwe Tshwaane a amogela mpho eo a supa fa e tsile ka nako e e siameng ka gore ke nako ya mariga.

A re bontsi jwa bana ba sekole sa gagwe ba latlhile ditlhako tse ba di phakisiwang ke khansele.

Mogokgo Tshwaane o ne a leboga ba banka ya FNB  a ba kopa go tswelela ka mowa oo mme e bile a re o leboga ka gore gompieno ba itebagantse le dikole tse di kgakala le ditlamelo.

Mme Tshwaane o boletse gore bontsi jwa bana ba ne ba se na ditlhako mme ba ne tshaba sekole ntateng ya mariga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 18 May 2017