Mapodisi a tlhotlhomisa polao ya mosadi
17 May 2017
Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a supa le borataro a iteilweng ka sengwe se se bogale mo tlhogong mme go belaelwa monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mo kgotlaneng ya Moeti.
Mo potsolotsong le ba BOPA, mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o tlhalositse fa tiragalo eo e dirafetse kgwedi eno e tlhola lesome le bobedi ka nako ya botlhano mo maitseboeng.
Rre Ramaabya o ne a tlhalosa fa mme yoo a ne a ragosediwa ke mapodisi kwa kokelong ya Letsholathebe kwa ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.
O ne a tlhalosa fa mmelaelwa a ne a nna mo jarateng e le nngwe le mme yoo.
O supile fa mmelaelwa a tshegeditswe ke mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
Mmelaelwa o setse a ithsupile fa pele ga lekgotla.
E re dikgang di eme jalo, Rre Ramaaya o ne a tlhalosa fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi mabapi le molato wa go itseela dikobo ka dikgoka mo go mme wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa kgotlana ya Botshabelo gone mo Maun.
O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse Motsheganong a tlhola lesome le bongwe bosigo.
O ne a tlhalosa fa tiragalo eo e ne ya begelwa mapodisi ke moagisanyi.
Mapodisi ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2017






