Dikoporase di itlama go fetola matshelo
17 May 2017
Dikoporase tsa Botswana da itlama go fetola matshelo a Batswana ka go ba agela bonno.
Seo se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la dikoporase, Rre Tebogo Venson ka Labobedi fa ba ne ba simolodisa semmuso kago ya ntlo ya dikamore tse pedi tsa boroko, ya boapeelo, ya boikhutso le dikamore tsa go tlhapa mo Selebi Phikwe kwa Botshabelo.
Ntlo eo, e e tlaa bong e agelwa Rre Motsamai Mfila yo o neng a nna le bana ba le lesome le bongwe mo ntlong ya disanke e e se nang boleng jwa go mo sireletsa mo diemong tse di thata tsa loapi, e solofetswe gore e bo e fedile ka Phukwi.
E tlaa bo e agwa ke ba Lesedi Construction Coop mo Selebi Phikwe.
Rre Venson o tlhalositse fa e tlaa re Phukwi a tlhola letsatsi dikoporase tsa Botswana di bo di kokoane mo Selebi Phikwe go ipelela letsatsi la dikoporase, mme ba bone go le botlhokwa gore ba tlogele letshwao le ba tlaa gopolwang ka lone e bile e le sesupo sa gore ga ba a leba matshelo a bone ba le nosi.
Rre Venson o ne a tlhalosa fa dikoporase tsa Botswana di ne tsa tla ka mogopolo wa go nna di ntsha bonnyennyane jo ka jone di ka thusang Batswana ba ba nang le letlhoko kana ba sa kgone go itirela.
Rre Venson a re ba setse ba goketse metsi mo lelwapeng leo gore tiro ya go aga e nne motlhofo.
A re fa ba fetsa ba ya go agela lelwapa lengwe ntlo kwa Mosetse.
Mothusa molaodi wa Selebi Phikwe, Rre Gaobotse Mokomane yo e neng e le ene a simolodisang semmuso kago ya ntlo, o tlhalositse fa motho a tlhoka dijo le fa a latsang tlhogo teng gore botshelo ja gagwe bo tokafale.
Rre Mokomane o ne a tlhalosa fa ntlo e e agelwang Rre Mfila e ya go mo solegela molemo le dikokomane tsa gagwe mo isagong ka ntlo eo e le ya boleng mme e tsile go nna ka lebaka le go ba fa seriti.
A re le ba ba mo tikologong eo e tlaa ba tsisetsa kagiso mo dipelong morago ga go bona seemo se boora Mfila ba neng ba tshelela mo go sone.
Rre Mokomane a re o solofela fa dithuto tsa bana di tlaa tokafala ka ba tlaa kgona go bua puo e le nngwefela le bana ba bangwe kwa sekoleng.
Rre Mokomane a re fa bana ba ya kwa sekoleng ba sitilwe kana ba tshwerwe ke tlala ga ba kake ba kgona go reetsa se go buiwang ka sone mme ntlo eo ba dumela gore e tlaa tokafatsa maduo a bone.
Kwa bofelong, Rre Mokomane o ne a tlhalosa fa go sa gakgamatse go bona dikoporase di kgona go agela motlhoki ntlo ya boleng jo bo ntseng jalo ka e rile go tlhangwa ga tsone maikaelelo ya bo e le go tokafatsa matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tshimolodiso semmuso kago ya ntlo
Date : 17 May 2017






