Segakolodi o inamola lehuma ka dikoko tsa Setswana
17 May 2017
Batswana ba kgothadiwa go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone.
Mafoko a, a builwe ke Mme Sarona Segakolodi wa Bonwapitse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye mo potsolotsong le BOPA bosheng.
A re o ne o ikopela dikoko tsa Setswana ka lenaneo la LIMID ka 2007 go leka go inamola mo lehumeng.
Mme Segakolodi a re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka dikoko di le masome mabedi le botlhano gammogo le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang mo thuong ya dikoko.
O tlhalosa fa pele a ne a tshelela mo lehumeng, mme ka thuso ya LIMID botshelo jwa gagwe bo tsamaya sentle.
A re morago ga go amogela dikoko, o ne a ya go ithuta ka leruo kwa Rural Training Centre mo Mahalapye gore a tle a kgone go tlhokomela dikoko sentle.
“Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,” a tlhalosa.
Mo nakong ya gompieno o supa fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go ata.
O boletse gore fa dikoko di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa gammogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo.
O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma,dikgwebo tsa boroko kwa Mahalapye gammogo le banni ba motse, a tlatsa ka go re dikoko tsa gagwe di simolola ka P70 go ya kwa go P150.
A re o kgonne go tsenya motlakase ka madi a dikoko gammogo le go tsenya bana ba ekole.
Mme Segakolodi o ne a gakolola Batswana go tlhoafalela thuo ka e ka ba namola ba le bantsi mo lehumeng.
A re mmaraka wa dikoko tsa Setswana o santse o le teng ka gore bangwe batho ga ba rate dikoko tsa sekgoa.
Mo godimo ga moo, Mme Segakolodi o boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone di tshwana le tlhaelo ya lefatshe le go tlhoka tirisano ga bagwebi ba bangwe ka ba batla go ba digela kwa tlase.
A re kgwetlho e tona mo thuong ke ya malwetse, a tlatsa ka go re bosheng dikoko tsa gagwe di ne tsa tlhaselwa ke bolwetse mme bontsi jwa tsone tsa aswa.
Mme Segakolodi a re le fa dikgwetlho di ka nna teng, ga a kitla a kgobega marapo go tswelela.
O boletse fa katlego ya gagwe e tshegeditswe ke ba temo-thuo ka ba bereka le ene ka dinako tsotlhe, a re ba mo fa dikgakololo le thuso epe fela e a ka tswang a e tlhoka.
Gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta e tshetlha.
O ne a kgothatsa banana ba Bonwapitse go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone gammogo le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Mme Segakolodi o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho go nna mmaba mo go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : BONWAPITSE
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2017






