Nno-tagi ga e na bokamoso
17 May 2017
Kgosi Dipetso Ketlogetswe wa Mokoswana mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o gakolotse banni go ikgapha mo dino-taging ka di ka ba senyetsa bokamoso.
Kgosi Ketlogetswe o buile jalo mo puisanyong le BOPA bosheng kwa motseng oo, tebang le dikgaisanyo tsa metshameko le bodiragatsi tsa dikgaolo tsa botlhophi.
O boletse fa a lemogile fa banni ba Mokoswana ba inaakantse le nnotagi mme a ba gwetlha go inaakanya le metshameko ya dikgaolo e tshwana le kgwele ya dinao le bodiragatsi.
O ne a kgothatsa bogolo jang banana go tsaya dikgaisanyo tseo tsia ka di ka ba betlela bokamoso jo bo eletsegang.
A re di ka ba dia go gobeya mo mebileng ka nako e ntsi ba a bo ba le mo ikatisong.
O boletse fa bojalwa bo senya boleng le botsogo jwa motho, a tlatsa ka go re nnotagi e tsofatsa batho ka pele e bile le malatsi a bone a botshelo a a khutshwafala.
A re gape bojalwa bo diga itsholelo ya malwapa ka bontsi ka batho ba dirisa madi a mantsi mo go jone.
O tlhalositse fa dikgaisanyo tsa metshameko di thusa mo go itshidileng mmele le maikutlo.
Mo godimo ga moo, a re metshameko e diretswe gore monana a ikage ka gore melao ya metshameko e remeletse thata mo go ruteng maitseo.
E re ka lore le ojwa le sale metsi, banana ba tshwanetse go emela matshelo a bone ka dinao ba ikaga ba sale babotlana, a tlatsa ka go re go thata go ka simolola go ikaga motho a setse a godile.
O tlhalositse fa puso e tshwenyegile ka boitshwaro jwa banana ka e le bone ba ba leng bantsi mo setshabeng, ka jalo e dira maiteko go tla ka mananeo a a ka ba tlhabololang gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo.
O tlhalosa fa se se ka kgonega fela fa banana gammogo le batsadi ba ka tshwaragana le puso go lwantsha dikgwetlho tse di lebaneng banana lefatshe ka bophara.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Ketlogetswe o ne a ngongorega ka go tlhoka thotloetso ga batsadi mo metshamekong.
Ka jalo o ne a kopa boeteledipele jwa motse oo go ema ka dinao mo dikgannyeng tse di amang banana ka e le bone ba ka kgonang go tlhaloganya dikeletso tsa bone le gore ba ka thusiwa jang.
A re metshameko e e ribolotse ditalente mo dikgaolong ka go farologana, ka jalo e tlhoka go tsewa tsia.
Kgosi Ketlogetswe o ne a kgothatsa batshameki go tsaya lenaneo le ka tlhoafalo ka le ka ba ntsha mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MOKOSWANA
Event : Puisano
Date : 17 May 2017






