'Tsibogelang go itlhatlhobela kankere'
17 May 2017
Motlhami wa mokgatlho wa Ouma Cycling Charity Tour, Mme Ouma Rammidi a re o tshwentswe ke ka fa kankere ya molomo wa popelo e tseneletseng bomme ka teng ntswa e ka thibelwa.
O buile jaana fa a buisa banni ba Serowe bosheng.
Mme Rammidi, yo o mo loetong lwa go tsibosa setshaba ka bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo lefatshge ka bophara, o supile fa bolwetse joo bo tsweletse ka go gapa matshelo a bomme ka dipalo tse di kwa godimo.
A re se se tlhomolang pelo ke gore bontsi jwa bomme ga ba na kitso e e tseneletseng ka bolwetse jo, a kaya fa e bile bo se na dikai le fa e le ditlhabi, ka jalo bontsi bo lemoga bolwetse bo setse bo tsere phekelo e sele.
Ntswa e le lekgetho la boraro Mme Rammidi a feta ka Serowe a ntse a le mo lenaneong la go tsibosa setshaba, o ne a ngongoregela dipalo tsa bomme ba ba neng ba tsile.
O tlhalositse fa a tshwaragane le ba lephata la botsogo go gasa molaetsa le go tlhatlhoba kankere ya molomo wa popelo, a supa fa banni ba le sego ka e bile ba dirisa tlhatlhobo e e ntshang maduo gone foo.
“Mosepele o ke o dira ka botswapelo, e bile ga ke itsape, ke o dira jaana ka ke latlhegetswe ke mme, motsadi wa me ka ntlha ya bolwetse jwa kankere. Maikaelelo a me ke go fetola matshelo a Batswana,” a tlhalosa.
Mme Rammidi o ne a supa fa nngwe ya dikgwetlho e le gore bomme ba boitseme go tsaya kgato ya go dira diteko tsa gore a ba ka tswa ba na le bolwetse.
“Itemogelo ya me ke gore bomme ba kgobega marapo ka maduo a go itlhatlhoba a ntse a tsaya lobaka, mme jaanong go na le lenaneo la go itlhatlhoba le le ntshang maduo gone foo.”
Bontsi jwa ba ba neng ba tsene tiro e, e ne e le borre, mme a ba kgothatsa go rotloetsa bakapelo ba bone gore ba itlhatlhobe, a tlatsa ka go re ke maikarabelo a bone gore ba bone gore ba somarela matshelo a bomme ba bone.
Fa a amogela phuthego, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma o supile fa go le botlhokwa go nna le batlhabani ba ba tshwanang le Mme Rammidi, a re gantsi tiro ya mofuta o e etelelwa pele ke bodiredi jwa bongaka.
Kgosi a re boithaopo jwa ga Mme Rammidi bo supa kgatelopele.
“Mathata ke gore bangwe ba rona re tsamaya ka bolwetse, mme re sa itse, kgotsa e bile re sa ikamogele,” Kgosi a gatelela.
O tlhalositse fa molaetsa o tlaa goroga, le fa dipalo tse di tsileng di ne di sa nametse, a supa fa ntwa e sa lowe ka bontsi.
Mme Rammidi o solofetse go etela metse e feta masome mabedi le botlhano, e e akaretsang, Gweta, Kole, Ukhwi, Gamodubu le Mogoditshane.
O simolotse tiro e ka 2013, mme e bile o setse a tsamaile metse e le 600, le dikhilomithara di le 10 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 17 May 2017






